Breaking News

Thuto ya bana ka teme ya bone e simolotse

17 Jan 2023

Mogolwane wa lephata la thuto kwa Tutume, Mme Sethatho Job a re dikole dingwe mo kgaolong ya botlhophi ya Nkange di setse di simolotse go ruta bana ka teme ya Sekalaka.

A re barutabana ba dikolo tseo ba setse ba sugilwe go simolola tiro, a supa fa mo kgaolong eo go setse dikole tse tharo tsa Makuta, Goshwe le Mpiti fela. 

Mme Job o tlhalositse seo mo bokopanong jwa Mopalamente wa Nkange, Dr Never Tshabang le ditlhogo tsa maphata kwa Tutume.

O boletse fa dikole tse dipotlana tsa kgaolo di dirile botoka thata mo maduong a lokwalo lwa bosupa. 

A re bontsi jwa dikole tseo di le mo seelong se se segilweng ke ba lephata la thuto. O supile fa dikole ka bontsi di na le tlhaelo ya barutabana, mme a tlhalosa fa ba tshepisetswe fa go tlaa hirwa barutabana ba sennelaruri mo bogaufing.

Mogolwane wa lephata la ditsela, Rre Othusitse Masitwa o tlhaloseditse phuthego gore thendara ya go dira marogo a mabedi, mo tseleng ya Tutume le Maitengwe e abilwe mo bogaufing, mme go setse fela go rebola rakonteraka go tswelela ka tiro.

Rre Masitwa a re fa ba santse ba emetse tiro ya tsela eo, ba mo thulaganyong ya go tsamaya ba thiba dikhuti mo tseleng eo.

Thulaganyo ya go dira tsela ya Tutume-Maitengwe e ne ya ema mo tseleng morago ga go re rakonteraka a phuaganye tiro.

Mo go tse dingwe, Rre Masitwa o boletse fa tiro ya tsela ya Tutume-Goshwe e agiwang ka ditena, e tsamaya ka thelelo le ntswa nako e e neng rakontoraka a e filwe e fetile. 

O boletse fa ya Goshwe-Matobo e simolotswe go dirwa mme e saletse kwa moragonyana. A re seemo sa tsela eo se a nametsa ka e mo legatong la 93%, selo se a kaileng se se maswe maswe. 

Fa a tswa la gagwe, Dr Tshabang o ne a ba lekodisa ka tsa palamente e fetileng. O boletse fa lenaneo la ditogamaano la bolesome le bobedi (NDP12) le tlaa simolola go diragatswa morago ga ngwaga wa ditlhopho wa 2024.

O gape a bua ka tlhaelo ya  melemo mo dikokelong. A re seemo sa metsi le sone e santse e le kgwetlho mo kgaolong ya gagwe. 

Dr Tshabang a re e re ntswa batho ba ne ba solofeditswe go nwa metsi go tswa kwa letamong la Ntimbale, metsi ao ga a lekane a nosa metse ya Makuta, Nswazwi, Matobo, Goshwe le bontlha bongwe jwa motse wa Tutume fa metse e mengwe e sielwa go tswa didibeng tsa Maitengwe.

O ne a lebogela thulaganyo ya go godisa kgaolo potlana ya Tutume go nna kgaolo, a re seo se imolola  kgaolo ya Serowe ka e ne e thusa dikgaolo tse dintsi. BOPA

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego

Date : 17 Jan 2023