Breaking News

Balemi ba kopiwa go tlhokomela masimo

16 Jan 2023

Balemi ba kgaolo ya Serowe Borwa ba kopilwe go tlhokomela masimo a bone gore ba tle ba kgone go roba sengwe mo matsapeng a bone a go lema.

Mopalamente wa kgaolo eo Rre Leepetswe Lesedi o ntshitse kopo eo fa a lekotse banni ba masimo a Kgaswe ga mmogo le ba kgotla ya Senapa kwa Serowe bosheng.

Rre Lesedi a re puso e dirisa madi a mantsi go lemela Batswana mme sebe sa phiri ke gore bangwe ba phuaganya masimo mme ba ye go nna kwa gae.

A re go sa tlhokomeleng masimo go ka nna ga dira gore puso e fetogele mogopolo wa go ba lemela mme seo se ka nna le ditlamorago tse di maswe di akaretsa go palelwa ke go ntshetsa lefatshe leno dijo.

O ne a ba rotloetsa gore ba boele kwa segologolong sa go leta masimo le go tlhokomela leruo la bone gore go itsa dikgotlhang fa gare ga bone le baagisanyi.

Fa a itebaganya le boraditerekere, mopalamente o ne a ba kopa go emisa mokgwa wa go seke ba lemela motho ka gangwe ba bo ba wetsa tshimo ya gagwe pele ba fetela kwa moleming yo o latelang, a re thulaganyo ya bangwe ba bone ya go kgwarinya masimo a le mmalwa ka maikaelelo a go a tshwara gore ba tle ba a boele kwa morago o baya balemi ka fa mosing ka jaana ba siiwa ke bokgola.

Mo go tse dingwe, Rre Lesedi o ne a itsese banni gore palamente e tsere tshwetso ya gore dikgaolo tsa botlhopi di okediwe go tswa mo go tse di 57 go nna 61.

Molemisi yo o okametseng motse wa Serowe le masimo a a mo kgaolong ya Serowe Borwa Mme Galesenye Tlhalefang o ne a supa fa le bone e le lephata ba tshwenyegile ka balemi ba ba sa tlhokomeleng masimo a bone fa ba sena go lemelwa.

A re puso e dirisa madi a mantsi go lemela batho mme balemi ga ba kwadise thobo. O ne a ba kopa go ikitaa ka thupana go fetola seemo seo, mme mo godimo ga moo a ba kopa go tsosolosa dikomiti tsa bone tsa balemi-barui ka gore di ka ba thusa go tsamaisa dilo dingwe sentle di akaretsa go rulaganyetsa go tla amogela dipeo go tswa kwa balemising. A re dikomiti tseo gape di ka rurifatsa gore gangwe le gape balemi ba kgona go kopana le balemisi ba dikgaolwana tsa bone. BOPA

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 16 Jan 2023