Ba Mahotshwane ba batla polase ya dikgomo
16 Jan 2023
Banni ba Mahotshwane mo kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane ba kgatlhanong le tshwetso ya lekgotlana la kabo ditsha la Mabutsane ya go ba abela polase ya dihutshane.
Ba supile fa sa dumalane le tshwetso eo, lebaka e le gore ba kopile go bewa polase ya dikgomo e seng dihutshane. Ba ntshitse ngongorego eo, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Mephato Reatile ka Labotlhano.
Mo mafokong a gagwe a go amogela baeng, Kgosi Mohurutshi Maipolelo a tlhalositse fa ba le sebete se molangwana ka go umakelwa go abelwa lefatshe le le lekanyeng go ruela dihutshane le mororo kopo ya bone e tlhalosa ka botlalo gore ba batla lefatshe la go ruela dikgomo.
Le fa ba ise ba rolelwe tshwetso eo ka tlhamalalo, morafe ga o na go e amogela ka jaana maikaelelo a kopo ya bone e ne e le go ba kgontsha go rua dikgomo tse di ka akolwang ke banni ba motse oo ebile di thusa go ba tlhabolola.
“Gatwe re hiwa polase ya dipodi ya 2km by 3km mme rona re kopile lehatshe la polase e tona ya dikgomo. Tshwetso eo rona ga re e amogele,” ga tlhalosa Kgosi Maipolelo. Mo godimo ga moo, Kgosi Maipolelo o kopile gore tsamaiso ya go tlhopha maloko a lekgotla la kabo ditsha e fetolwe gore a itlhophelwe ke morafe. A re se se ka tokafatsa ditirelo mo metseng ka jaana ba ba tlhophilweng ba tlaa emela dikeletso tsa morafe.
Fa a mo kgwa dikgaba, mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Mabutsane, Rre Lemogang Morolong o tlhalositse fa e rile morago ga ditshekatsheko tsa kopo ya morafe lekgotla le ne la bona go ka nna botoka go fa morafe polase ya dihutshane go na le ya dikgomo.
A re lengwe la mabaka a tshwetsong eo e ne ele gore lefelo le ba le batlang le fa gare ga dipolase tse dingwe, ka jalo fa ba le neelwa jaaka ba kopile go ka tswala phatlha mme motse wa tlhoka kwa o golelang teng.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa kopo eo e buseditswe go kanokwa gape mo go tseneletseng, mme e tlaa kopanelwa ke baitseanape ba ba farologanyeng.
O ba solofeditse gore tshwetso ya kopo ya bone e tlaa tswa pele ga kgwedi ya Moranang.
Rre Reatile o ne a bolelela banni ba Mahotshwane fa motse wa bone o tlaa gokelwa metsi ka lenaneo la ditlhabololo la nakwana. O ne gape a tlhalosa fa tsela e e tswang Jwaneng go ya Mahotshwane e tlaa baakanngwa gore e seka ya ema metsi ka go santse go sena madi a go dira sekontere. BOPA
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MAHOTSHWANE
Event : Kamogelo baeng
Date : 16 Jan 2023