Kgosi o tshwenngwa ke boitshwaro jwa banana kwa Lejwana
16 Jan 2023
Botlhoka tsebe jwa banana bo tshwentse bogogi jwa motse wa Lejwana.
Kgosi Neo Letlhare are o tshewenngwa ke boitshwaro jo bo duleng mo tseleng jwa banana ba ba inaakantseng le go nwa bojalwa le tiriso ya ditagi.
O buile jalo bosheng mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti.
Kgosi Letlhare o kopile batsadi go tshwaraganela kgang ya go ruta bana setho pele seemo se kekela ka gore bana bao ke bone bogogi jwa lefatshe leno jwa kamoso.
Kgosi Letlhare a re seemo seo se ngomola pelo ka gore boitsholo jo bo sokameng jo, bo setse bo jweleletse le mo baneng ba dingwaga tse di kwa tlase ba ba mo dikolong ka jalo se ama maduo jaaka go supagetse ka ba ba neng ba fetsa lekwalo la bosupa ngogola.
Sengwe sa dilo tse di tshwenyang Kgosi Letlhare ke go titielwa le thekiso ya majalwa a Setswana e duleng mo tseleng.
O tlhalositse gore go dirwa majalwa a masesane a go supegang a sa siamela botsogo mme are seo se dirwa ke gore ga go na ba sepodise mo motseng.
O gakolotse morafe wa gagwe gore ba tsee boikarabelo jwa botsogo jwa bone le jwa bana ba bone.
Ka jalo, Kgosi Letlhare o ikuetse mo go Dr Dikoloti gore a thuse motse wa gagwe ka badiredi ba sepodisi.
E rile a tsibogela mafoko a ga Kgosi Letlhare le dingongora tse dingwe tsa banni ba Lejwana, Dr Dikoloti o a re o tlaa leka ka bojotlhe gore dingongora tsa morafe di rarabololwe.
Mopalamente Dr Dikoloti o kopile banni ba kgaolo ya gagwe gore dirisa mananeo a puso a tshwana le la go ntsifatsa leruo segolo jang dikgomo le dihutshane ka jaana ele dingwe tsa tse di ka ba ntshang mo lehumeng le gone go thusa go godisa le go tswakanya itsholelo.
Dr Dikoloti o supile gore lenaneo la motshela-kgabo le tsentse tsela e e tshwaraganyang kgaolo ya Morolong le Gangwaketse ee itsegeng thata ka Good Hope-Kgoro-Gathwane.
A re tsela eo e botlhokwa ka gore e tsile go thusa gape le balemi ba masimo a matona a MOSISEDI kwa thobo e ntsi e tswang teng.
O solofeditse morafe wa Lejwana gore fa ba ka batlela lepodise boroko e tla are mo bogaufing a bo le setse le simolotse go theogela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : LEJWANA
Event : Phuthego
Date : 16 Jan 2023