Mme Masisi o kgala kgokgontsho ya bagolo
16 Jan 2023
Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi a re ke matlhabisa ditlhong go bo bagolo ba tsweletse ka go kgokgontshiwa.
Mme Masisi o kgadile a sa kgwe mathe, mekgwa yotlhe ya kgokgontsho ka jalo a akgola mekgatlho e tshwanang le wa Tlotlo Lorato go bo e tsweletse ka go tshwara ditiro tse di lwantshang kgokgontsho.
O buile jalo morago ga mogwanto o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa Tlotlo Lorato Association kwa kgotleng ya Botshabelo mo Selebi Phikwe ka Labone.
Maikaelelo a mogwanto e ne ele go tsibosa ka kgokgontsho e dirwang mo bagolong le go loga maano a go e lwantsha.
Mokgatlho wa Tlotlo Lorato o supile fa gole botlhokwa go tlamela bagolo ka tsotlhe tse ba di tlhokang.
Mme Masisi are morago ga go tlhagoga ga sejaja sa COVID-19 gone ga tlhaga segajaja se sengwe gape, sa kgokgontsho.
O tlhalositse fa kgokgontsho e tsere phekelo e sele ka go kgokgontshiwa le bagolo.
O roletse ba mokgatho wa Tlotlo Lorato hutshe ka go tlhokomela bagolo.
A re se ba se dirang se tla thusa go tokafatsa botsogo jwa bagolo le go ba thusa go tshela botshelo jo bo leele.
O rotloeditse banni ba Selebi Phikwe le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho.
Mme Masisi o rotloeditse setshaba go tsenya letsogo, go thusa ba Tlotlo Lorato go tlhokomela bagodi.
O rotloeditse dikompone le mekgatlho ka go farologana go ema ba Tlotlo Lorato nokeng go diragatsa maitlamo a bone a go aga lefelo le bagolo ba tla tlhokomelelwang kwa go lone.
Mme Masisi a re se se dirwang ke ba Tlotlo Lorato ke go supa botho jo eleng lengwe la matshego a lefatshe leno le thailweng ka one.
O itlamile go thusa ba mokgatho wa Tlotlo Lorato go kgobokanya madi a tla thusang go aga lefelo le go tla tlhokomelwang bagolo mo go lobe.
Fa a tswa la gagwe Mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba Rre Kgoberego Nkawana a re Selebi Phikwe fela jaaka mafelo a mangwe o amilwe thata ke dikgang tsa kgokgontsho bogolo jang ya mo malwapeng.
Rre Nkawana a re go agiwa ga lefelo le le tlamelang bagolo go tla thusa thata mo go hemeng dikgang tsa kgokgontsho ya bagolo.
O tlhalositse fa go tswalwa ga moepo wa BCL go ne ga kokonela banni ba Selebi Phikwe mme ga tsala ditiragalo tsa kgokgontsho di le dintsi.
O kopile puso go thusa dikompone tsa Selebi Phikwe ka tsela e faphegileng gore di thusiwe ka bofefo jo bo kgonegang go bona madi gore di kgone go tlhama mebereko.
O tladitse ka gore go tlhoka ditiro ke nngwe ya dikgwetlho tse di dirang gore bana ba tlhorontshe batsadi ba bone.
Mogokaganyi wa ditlamelo tsa botsogo mo Selebi Phikwe le mafelo a mabapi Dr Kesegofetse Chabaesele o gateletse botlhokwa ja go tlhokomela bagolo.
Dr Chabaesele a re bagolo ba kgokgontshiwa ka tsela tse di farologanyeng.
Dr Chabaesele a re go lebega bagolo bo tlhokomologilwe, a re mogolo o kgona go robadiwa mo sepateleng mme go sena ope wa ga bone yo mo tlhokomelang. O tladitse ka gore bagolo ba tshabelelwa ke malwetse a sa tshelanweng le go robega motlhofo ntateng ya go sesafala ga marapo fa ba ntse ba gola ga mmogo le go latlhegelwa ke pono le go lebala.
O tlhalositse gore bagolo bangwe ba kgona go timela mme ba felele ba tsena mo malwapeng a e seng a bone ba sa lemoge, ka go tlhoka lesego ba ketekwe ke batho gotwe ke baloi ntswa seemo seo se dirwa ke bolwetse jwa go lebala.
Dr Chabaesele o rotloeditse malwapa go tlhokomela bagolo ka go ba isa sepatela fa ba sa tsoga. Mongwe wa bagolo Mme Malebogo Sejankabo o lebogetse mohumagadi wa ga Tautona go bo a sa ipona tsapa go tla go ema banni ba Selebi Phikwe nokeng, a re seo, se supa lorato.
Mme Sejankabo a re mokgatlho wa Tlotlo Lorato o tshwanelwa ke ditebogo ka go thusa gore bagolo ba tlamelwe botoka.
A re bagolo ba kgokgontshiwa segolo bogolo ke bana mo malwapeng, ba ba amoga madi ka dikgoka.
A re mo gongwe ba tlogelwa le bana ba bannye ntswa ba sa tlhole ba na le dithata tsa go tlhokomela bana ba bana ba bone.
O kopile gore dikgosi di eme ka dinao, thupa e lele mo baneng ba ba kgokgontshang batsadi mo malwapeng, ga mmogo le go lwantsha dikgang tsa petelelo, bogolo jang mo bagolong ba ba nnang kwa masimo.
Mogokaganyi wa mokgatlho wa Tlotlo Lorato, Mme Rebecca Dikoloti o lebogile kemonokeng ya ga Mme Masisi.
A re go agiwa ga lefelo la bagodi go tla thusa go tlamela bagodi botoka.
O tlhalositse fa mokgatlho wa Tlotlo Lorato o simolodisitswe ka ngwaga wa 2020. A re lefelo la tlhokomelo bagodi le tsile go thusa go tlamela bagolo ka tsa itshidilo mmele, go fiwa tlhokomelo, itloso bodutu, go fiwa tsa botsogo le go ja sentle.
O kopile kemonokeng ya banni ba Selebi Phikwe, dikgwebo le makalana a mangwe gore toro ya gagwe e atlege. BOKHUTLIO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Mogwanto
Date : 16 Jan 2023