Breaking News

Potlakelang dikgang tsa kgokgontsho - Kgosi Lekhutile

15 Jan 2023

Banni ba Mmutlane ba gakolotswe go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho mo malwapeng  le go potlakela go di rolela maphata a filweng boikarabelo jwa go thusa go di rarabolola.

Kgakololo eo, e ntshitswe ke Kgosi Ketlaareng Lekhutile mo phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Aubrey Lesaso bosheng. 

Kgosi Lekhutile a re dikgang tsa kgokgontsho mo motseng wa gagwe di a tshwenya, a tlatsa ka gore bontsi jwa tsone ga di gorosiwe kwa go ba ba tshwanetseng gore batho ba bone thuso.

O kopile banni go ela tlhoko seemo se le go se tsaya ka tlhoafalo pele se nna maswe. 

A re setshaba se tshwanetse sa nna ka kgololesego le kagiso ebile se sireletsegile. 

Fa a tswa la gagwe Mopalamente Lesaso ebile ele Mothusa Tona wa Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso, o ne a kgala mefuta yotlhe ya kgokgontsho,a gakolola morafe gore botlhe ba ba amilweng ke kgokgontsho ba tlhoka go sidilwa maikutlo.

Rre Lesaso a go ikanya Modimo le go tshelela ka fa tlase ga taolo ya one go ka thusa thata gore motho a tile kgokgontsho. 

O ne a supa gape gore go godisa bana ka lesotlo le kgokgontsho go ama ditlhaloganyo tsa bone, ka jalo ba sa kgone go dira sentle mo dithutong tsa bone. 

Rre Lesaso o kopile batsadi go ikgalemela le go tila ditsela tsa tshokamo gore ba kgone go tshela sentle.

E rile a tsibogela mangwe a matshwenyego a morafe, mookamela mapodisi a Mahalapye Superintendent Omphile Malemenyane o tlhalositse fa dikgang tsa kgokgontsho di sa goroge sentle kwa di ofising tsa bone le ntswa di le teng.

 Supt Malemenyane are bontsi jwa dikgang di begiwa ke barutabana le baoki.

 A re dingwe tsa tsone ke tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase mme ba kgokgontshiwa ka tlhakanelo dikobo. 

O gakolotse batsadi go bega dikgang tsa kgokgontsho gore ba kgone go thusiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : MMUTLANE

Event : Phuthego

Date : 15 Jan 2023