Molebatsi o tlhalosetsa banni ka lenaneo
15 Jan 2023
Mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi o boleletse banni ba metse ya Kgagodi le Diloro fa lenaneo la ditogamaano tsa ditlhabololo la NDP12 le tla a nama le seegetswe kwa tlhoko.
O buile se kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo ka Mosupologo jaaka a ne a rerisana le baagi ka mananeo a puso.
Rre Molebatsi o tlhalositse gore, se se tla morago ga gore ditlhabololo ka bontsi tsa lenaneo la NDP11 di salele kwa morago ka lebaka la letlhoko la madi.
A re madi a mantsi a ne a dirisiwa go lwantsha mogare wa COVID-19.
A re ka jalo, puso e bone go le botlhokwa go tla ka lenaneo la ditlhabololo la nakwana, Transitional National Development Plan le le tlaa gogang dingwaga tse pedi.
O supile fa se se tlaa thusa thata go dira ditlhabololo tse di saletseng kwa morago.
Rre Molebatsi a re ka lenaneo leo go tlaa dirwa ditlhabololo tse di sha le go baakanya tse di ntseng di le teng.
Ka jalo o ne a solofetsa banni ba Kgagodi le Diloro fa dingwe tsa ditlhabololo tsa metse ya bone di tlaa akarediwa mo go lone.
Le fa go ntse jalo, Rre Molebatsi o boleletse banni ba Kgaogodi le Diloro fa a setse a kopane le mongwe wa bagwebi mme a solofeditse fa a tla ba agela sepatela kwa Maokatuma.
A re sepatela seo se tlaa nna mosola thata ka se tlaabo se le segolwane go thusa palo e kgolwane ya batho.
Rre Molebatsi o ne a supa fa puso e sa tlhole e na le madi a go dira ditlhabololo tsotlhe tse batho ba di tlhokang ka jalo a ba rotloetsa gotswa ka mananeo a a ka thusang go fokotsa manokonoko a lehuma.
A supile fa ba le lesego ka phane e bonwa thata mo dikgaolong tsa bone mme a ba rotloetsa go ikopanya, a re fa ba ka dira jalo o ka ba thusa go bona bareki ba ba tla e rekang ka tlhwatlhwa e e botoka gore le bone e ba sologele molemo.
Mo go tse dingwe, Rre Molebatsi o supile fa puso e seegetse kwa thoko P300m o o tla a dirisiwang go tlhabolola madirelo a Botswana Meat Commission (BMC) le go duela barui.
O tlhalositse fa puso e ikemiseditse go tswelela e oketsa ditlhwatlhwa tsa BMC gore barui ba kgone go nna le dipoelo tse di botoka, mme o ne a tlhagisa barui go tlhokomela leruo la bone gore di se ka tsa utswiwa.
Banni ba ne ba lela ka metsi a ba a nwang ba supa fa nako dingwe a nna letswai mme nako dingwe a nna le mmala o o sa tlwaelesegang.
Modiri wa lephata la metsi mo kgaolong eo Mme Angel Kabelo o ne a supa fa gona le kgonagalo ya go nna jalo, a tlhalosa fa se se dirwa ke gore WUC e santse e dirisa di phaephe tse di kgologolo tse di neng di goga metsi kwa didibeng tsa Kobalemakabi mme metsi ao a ne a le letswai.
A re letswai le gantsi fa go ka nna le kgaogo ya metsi le ikala mo go diphaepheng le bo le kgotlela metsi, mme e le selo sa nakwana.
O supile fa metsi a tlhatlhobiwa morago ga oura dingwe le dingwe tse pedi go bona gore ga a kgotlelesega mme a kgothatsa morafe go bega seemo sengwe le sengwe se se thobaetsang mabapi le metsi gore se kgone go tsibogelwa.
E rile a leboga, mokhanselara wa Kgagodi/Diloro, Rre Thabo Koontse o ne a kgothatsa morafe go tshwaragana le komiti ya ditlhabololo go tswa ka maano a go ka itirela letseno mo metseng ya bone.
Rre Koontse a re ga go thona gore ba motse wa Diloro ba fetole lefelo la tshilo ya mabele go nna la go sila dijo tsa dikgomo ba dirisa phane ka go lebega e tletse ka matlo go sena kwa ba e isang teng le go tila seemo sa go tsiediwa ke ba ba e rekang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : DILORO
Event : Phuthego
Date : 15 Jan 2023