Breaking News

Metse ya Mathangwane le Matsitama e fudugetse kwa Tonota

12 Jan 2023

Metse ya Mathangwane le Matsitama e fudugetse kwa Tonota

Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao o kopile baeteledipele ba maphata a puso ba kgaolo ya Tutume go dira tsamaiso ya neelano.

O buile seo fa a kopane le baeteledipele ba maphata kwa Tutume ka Labobedi.

Tona Molao o ba rotloeditse go dirisanya sentle le ba kgaolo ya Tonota, mabapi le go hudugela kwa kgaolong ya Tonota ga metse ya Mathangwane le Matsitama.

O gakolotse gore go dirwe thulaganyo e tlhamaletseng ya go neelana tsotlhe tse di amang metse eo le gone go nna teng mo diphuthegong tsa ntlha tsa metse eo tse di tla a tshwarwang, go thusa ka dikarabo ka ba dirile le metse eo ka lobaka.

Mopalamente o gateletse botlhokwa jwa neelano, a tlhalosa fa ba kgaolo ya Tonota ba tlaa tsweledisa fa ba Tutume ba emeng teng.

Rre Molao, yo a leng tona ya temo thuo a re badirela puso ba tshwanetse go dira ba le seopo sengwefela go ntsha maduo, ka e bile kgaolwana ya bone e tsholeditswe maemo go nna kgaolo.

O ba gakolotse go dira ka natla mo go iseng ditirelo kwa bathong ka nako.

A re setshaba se lebile go le go ntsi mo go bone mabapi le diphetogo tse di tla nnang teng, ba lebeletse ditirelo tse di ntseng di latelwa kwa Serowe.

Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Tutume, Rre Milton Keitshokile o tlhalositse fa kgaolo potlana ya Tutume e tlhomamisitswe go nna kgaolo ngogola ka Sedimonthole.

A re seo se raya go re kgaolo e ikemetse ka nosi, sengwe le sengwe sa di tirelo se dirwa mo kgaolong.

O boletse fa modulasetilo wa khansele le mothusi wa gagwe ba tlaa tlhophiwa mo bogaufing, go re ba kgone go tsamaisa khansele, a tlatsa ka gore le dikomiti di tlaa dirwa ka nako eo.

O tlhalositse fa thulaganyo ya go tsholetsa kgaolo potlana ya Tutume go nna kgaolo, e dirwa jaana e fitlhela batho ba Mathangwane le Matsitama ba ne ba ikopetse go fudusediwa kwa Tonota.

Fa a lekodisa mopalamente ka mananeo a ditlhabololo a kgaolo ya Shashe Bophirima, motshwarelela mogolwane wa tsa itsholelo, Rre Balotlhanyi Mochengwa a re mananeo a masome matlhano le borobabongwe a thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma.

A re kwa Mathangwane, mananeo a thusitsweng ka lenaneo leo a lesome le bongwe, mo go o ne a le lesome le boraro a santse a dira, a le mane a dira botoka thata, fa a le marataro a phutlhame.

Rre Mochengwa a re ba na le tsholofelo ya go re go godisiwa ga kagolo potlana ya Tutume, go tlaa dira go re e abelwe madi le ditsompelo, mme ba tlaa kgona go diragatsa mangwe a mananeo a ditlhabololo. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Ka Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Tekodiso

Date : 12 Jan 2023