Breaking News

Metse e tlaa bona ditlhabololo

11 Jan 2023

Dingwe tsa ditlhabololo tse banni ba ka di solofelang kwa kgaolong ya botlhophi ya Boteti Botlhaba mo dingwageng tse pedi tse di tlang di akaretsa dikokelwana le kago ya ditsela tsa mo gare ga motse.

Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo eo yo gape a leng mothusa-tona wa lephata la botsogo Rre Sethomo Lelatisitswe kwa phuthegong ya kgotla kwa Mmea Hiikgong a robabongwe.

Rre Lelatisitswe a re go ya go agwa dikokelwana kwa Mokubilo le kwa Makgaba, mme a bolela fa ya Mokubilo e tlaa nna le phaposi ya pelegiso.

O boletse gape fa go tlaa dirwa ditsela tsa mo motseng tsa sekgala sa dikhilomithara di le masome mabedi le botlhano kwa Letlhakane ga mmogo le mela ya kgopho ya metsi.

Mopalamente o kaile fa lenaneo le le tlaa potlakelwa, mme le wediwe mo ngwageng tse pedi tse di tlang go tsamaelana le lenaneo la ditlhabololo le le tlhomilweng ke puso e le la nakwana le le yang go wela ka 2024.

Mo tlhatlosong ya kgaolwana ya Boteti go nna kgaolo e e feletseng, Rre Lelatisitswe o boletse fa seo se tlaa fefosa ditlhabololo tsa kgaolo ka jaana ditshwetso di tlaa bo di tsewa gaufi mme ka jalo go nne bofefo le bonolo go di diragatsa.

A re tshwetso eo gape ke maiteko a puso a go nolofaletsa banni ba kgaolo botshelo ka go ba atameletsa ditlamelo.

Go sale foo, Rre Lelatisitswe o ne a gatelela maikaelelo le maitlamo a puso a go godisa bagwebi ba mo gae, a supa fa kiletso ya merogo le paka ya sekole go ka rekwa kwa ntle ga lefatshe leno e le tsela nngwe ya go tsenya itsholelo mo diatleng tsa Batswana.

Mo go tse dingwe o ne a itsise banni ba Mmea fa lenaneo la National Development Plan (NDP) 12 le ya go simolola ka ngwaga wa 2025 gore le tsamaalane le ngwaga wa ditlhopho.

Kgosi wa Mmea Rre Polson Keitlhaganetse o supile matshwenyego ka tiego ya peo ya ditsha, seemo se a reng se baka dikgotlhang mo malwapeng ga mmogo le go runya ga bomaipaafela.

Kgosi Keitlhaganetse o ne a ikuela gape ka tsela ya Mokubilo-Mmea a re ga e mo seemong se se siameng mme ebile e sa tsamaege fa dipula di nele.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmea Mme Serurubele Pono a re ba kopile gore ba tsisediwe mooki yo o belegisang go itsa bomme ba ba itsholofetseng go latela ditlamelo kwa Mokubilo.

Mme Pono a re go tlhokega go re go dirwe kgopho ya metsi kwa sekoleng se sebotlana sa Mmea ka se agilwe mo mogobeng mme e re dipula di nele seemo e nne se se sa itumediseng ka metsi a ema mo teng ga sone.

Banni bangwe ba ne ba nankola matshwenyego a le mmalwa a a amang motse wa gaabo a akaretsa tiego ya peo ya ditsha, tiego ya go fiwa dipeo, tlhaelo ya melemo ga mmogo le tshenyo ya ditlou kwa masimo.

Mongwe wa bone Mme Lucy Pono a re ba tshela ka temo mme seemo sa tshenyo ya ditlou se busetsa kwa morago maiteko a bone a go itirela dijo.

O ne gape a supa fa ba sa jesiwe diwelang ke leruo le le gobeyang mo motseng le kwa masimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 11 Jan 2023