Breaking News

Ba Bodibeng ba rotloediwa go tsenya letsogo go lwantsha borukutlhi

11 Jan 2023

Banni ba motse wa Bodibeng mo kgaolong ya Ngamiland ba tlhaloseditswe gore go lwantsha borukutlhi go simolola ka go ikaga ka bo bone jaaka morafe.

E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo Mopalamente wa Ngami, Rre Cater Hikuama o ne a bolelela morafe wa Bodibeng gore lentswa bontsi bo akanya gore borukutlhi bo fedisiwa ke mapodisi seo ga se nnete.

O supile matshwenyego ka borukutlhi mo metseng ya Bodibeng le Kareng jo bo ileng magoletsa, mme a re o dumela fa badira melato e le bana ba metse e.

A re go le gantsi batho ba akanya gore twantsho borukutlhi ke ya mapodise a le nosi ka jalo borukutlhi bo golele pele lentswa go nale mapodisi ka go bo setshaba se sa ikitee ka thupana go bo lwantsha.

Rre Hikuama o kgadile a se kgwe mathe boitshwaro jwa batho bangwe morago ga go nwa bojalwa mo ba felelang ba kgokgontsha le go bolaa tota.

O kopile ba Bodibeng go itshekatsheka gore ba ka lwantsha maitshwaro joo jang.

Motshwarelela Rramapodise a Sehithwa, Assistant Superintendent Moutwatsi Ikobeng o ne a kopa banni ba Bodibeng go tshwaraganela twantsho borukutlhi le mapodisi.

A re tiro ya sepodisi e tlhoka maiteko go tswa mo morafeng ka gantsi tshenyo mo metseng e bakiwa ke banni ba lefelo leo.

Asst Supt Ikobeng o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno motse wa Bodibeng o nale lepodisi le le lengwe ka ntlha ya tlhaelo ya boroko.

A re boroko jo bo batletsweng lepodisi ga bo mo seemong se se kgotsofatsang ka jalo ba itsisitse lepodisi le le neng le tshwanetse go ya Bodibeng go emela boroko.

O tsweletse ka go supa fa mo nakong ya gompieno goromente a sena madi a go thapa mapodisi, ka jalo a tlhatlosa ba maemo a special constable go ba rutunstha go nna mapodisi a feletseng.

Ass Supt Ikobeng o kopile Kgosi le boeteledipele jwa Bodibeng go nna ba tshwara diphuthego tsa twantsho borukutlhi gangwe le gape go tswa ka metlhale ya go go bo lwantsha.

E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Kazuu Mbakareratjike wa Bodibeng a tlhalosa fa borukutlhi bo golela pele mo motseng wa gagwe ka jalo a kopa ba sepodisi go oketsa badiri go lwantsha borukutlhi.

Kgosi o ne gape a bua fa ba kile ba thusa go batlela lepodisi boroko go tla go thusa modiri yo o leng teng mme ba seka ba atlega ka lepodisi le ise le tle.

O kopile ba sepodisi go tsisa mapodisi nako e khutshwane go dira ditlhotlhomiso tse di tseneletseng tse di tla nyeletsang bogodu jwa leruo le kgokgontsho. Ends

 

 

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : MAUN

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 11 Jan 2023