Breaking News

Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa petelelo

10 Jan 2023

Mapodisi a Serowe a mo patlong ya rre mongwe wa dingwaga tse di fa gare mabapi le tiragalo e mo go yone mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bosupa a neng a betelelwa kwa kgotleng ya Marulamantsi beke e e fetileng.

Mo potsolosong ka Mospupologo, motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Serowe, Rre Bopelo Ntatiwa a re e ne ya re Hirikgong e tlhola malatsi a le matlhano, mosetsana yoo a ya kwa lwapeng la rre yoo, yo a leng moagisanyi wa gagwe, go ya go kopa sengwe mme ka bomadimabe rre yoo a feta a mo gogela mo ntlong mme a mmetelela.

A re morago ga tiragalo eo rre yoo o ne a le botsa phokoje.

O tlhalositse fa mmelaelwa a tlaa lebisiwa molato wa go thubetsa fa a ka tshwara mme o kopa setshaba go ba loma tsebe fa ba ka bona rre yoo kana ba itse kwa a leng teng.

E ntse e le mo bekeng e e fetileng, Rre Ntatiwa a re mme mongwe wa dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe wa kgotla ya Makolojwane kwa Serowe a ne a ikuela fa ngwana wa gagwe wa mosetsana wa dingwaga tse di lesome le bosupa a sala emeletse mo lwapeng Sedimonthole a le lesome le boferabongwe ngogola a re o etela tsala ya gagwe kwa Palapye.

A re e rile fa mosetsana yoo a boa Hirikgong a supa, ba lelwapa ba mo tlhotlhomisa mme a tlhalosa fa a ne a ntse a le kwa mokapelong wa gagwe kwa Palapye yo a dingwaga tse di fa gare.

O tlhalositse fa mosetsana a ne e isiwa kwa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa a dirisitswe mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Rre Ntatiwa o tsweletse ka go tlhalosa fa modiradilo a ise a tshwarwe mme fa a ka tshwarwa a tlaa lebisiwa molato wa go tlhakanela dikobo le ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.

Mo go tse dingwe Rre Ntatiwa are mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e nngwe gape e mo yone mme mongwe yo a gwebang ka go rekisa dijo mo tseleng ya Serowe-Paje a neng a kgothosiwa madi a a kanang ka P4 000, mogala wa letheka wa modiro wa iPhone wa madi a kanang ka P5 000 le touch pad e e lopileng P200.

A re mme yoo o tlhalositse fa selalome se se mo amogileng di-tsa gagwe seo e le rre yo a lebegang a le dingwaga tse di fa gare mme a ne a ipapanne ka sengwe se go belaetsegang e le tlhobotswana. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Atang Mosinyi

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 10 Jan 2023