Mokhanselara Mmualefhe ene ele mogaka
10 Jan 2023
Dibui ka go farologana kwa tirelong ya phitlho ya mokhanselara wa Bosele, kwa Bonnington North Mme Agnes Mmualefhe di supile fa ene ele motho yoo lorato ebile a bereka ka natla.
Tirelo eo ya phitlho ene e tshwaretswe kwa Pitsane Photlhokwe ka matlhatso mo mosong.
Mopalamente wa kgaolo ya Bonnington North Mme Annah Mokgethi o tlhalositse fa Mme Mmualefhe ene ele segatlhamela masisi mme ebile ale lorato.
A re moswi o tswa kgakala a direla phathi ya Domkrag ka boithaopo, mme ene yare ka ngwaga wa 2019 a tsaya tshwetso ya go direla Batswana botlhe ka go emela ditlhopo.
Mme Mokgethi are Mme Mmualefhe o tlogetse sekao se batho ba kgaolo ya Bosele kwa e neng ele mokhanselara teng ba tlaa mo gakologelwang ka sone.
A re fa ene ese ka ene ditlhabololo dingwe jaaka ditsela, go baakangwa kwa dikolong le gone go tsenya dipone tse ditona gore kgaolo e seka ya nna lefifi di ka bo gongwe di ise di dirwe.
Ratoropo wa Gaborone Rre Austin Abraham o supile fa Mme Mmualefhe ene ele motho yoo lerato ebile a ikaegile thata ka thapelo.
Are kwa khanseleng ene ele mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo mme a dira tiro ya gagwe ka botswapelo.
Rre Abraham are ga go a latlhegelwa boora Mmualefhe fela mme go latlhegetswe Batswana botlhe ka jaana moswi ane ale lerato thata mo tirong ya gagwe le Batswana ka kakaretso.
Mothusa mokwaledi mogolo wa Domkrag Rre Lemogang Kwape le ene one ale mo gare ga morafe oo neng o tshologetse kwa motseng wa Pitsane Photlhokwe go gomotsa boora Mmualefhe le go laela mong ka bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Good Hope
Event : Interview
Date : 10 Jan 2023