Breaking News

Mapodisi a Gumare a kopa sechaba go ba thusa go batla monna

10 Jan 2023

Setshaba se kopiwa go thusa mapodisi go batla monna wa dingwaga tse di masome a a ferangbobedi wa moraka wa Xhwee gaufi le Nokaneng yo go saleng go begelwa ba sepodisi fa a timetse kgwedi ya Hirikgong e tlhola gabedi.

Mogolwane wa mapodisi a Gumare Superintendent Chenamo Orateng o boletse mo potsolotsong ka Mosupologogo gore rre yoo go tlhalositswe fa a ne a ile kwa morakeng  mongwe wa Boajankwe kwa go neng go le lenyalo teng.

A re rre yoo go ne ga lemogiwa a seyo mo mosong Sedimonthole a tlhola masome a mararo le bongwe.

A re ba lelwapa le a neng a kopile boroko teng ba ne ba akanya fa rre yoo a boetse kwa morakeng wa gagwe kwa Xhwee le ntswa dilwana tsa gagwe tsone di ne di le teng.

O tlhalositse fa e ne ya re Hirikgong e tlhola gabedi bangwe ba ne ba tsaya dilwana tsa rre yoo gore ba di ise kwa morakeng wa gagwe kwa Xhwee mme ba fitlhela a seyo mme ba begela ba sepodisi fa rre yoo a sa bonwe.

Supt Orateng o ne a re ba sepodisi ba tsweletse ka patlo ya rre yoo mme a kopa setshaba go ba ema nokeng. Bokhutlo

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Potsolotso

Date : 10 Jan 2023