Breaking News

Ba Maokane ba lela ka bogodu Jwa Leruo

06 Jan 2023

Banni ba Maokane bare ba apesitswe kobo letshoba ke bogodu jwa leruo mo motseng wa bone.

Fa a ntsha pego mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya mathethe/Molapowabojang Dr Edwin Dikoloti ka Labone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse, Mme Onkabetse Obeeng o ne a  tlhalosa fa borukutlhi mo kgaolong ya bone bo ile magoletsa ebile bo hekeetsa palo ya mapodise a a leng teng.

Ka jalo, o ne a kopa puso gore e oketse bodiredi jwa sepodise ka mapodise a nakwana go lwantsha borukutlhi.

O ne gape a kopa gore diofisi tsa kgotla di okediwe gore bodiredi bo bereke ka phuthologo.

Monni, Rre Shango Puodipe le ene o ne a supa fa seemo sa bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone se sa jese diwelang.

 A re go botlhokwa gore batho ba ba rekisetsang puso nama ba tsenngwe leitlho go bo go latedisiwe gore ba rekisa nama e e tswang kae, ebile e tlhabetswe kae.

A re go dira jalo go ka thusa go lwantsha bogodu jwa leruo mme gape go tokafatse tsamaiso ya go rekisetsa makalana a puso dithoto, bogolo jang mo dikoleng.


Erile a ba kgwa dikgaba, Dr Dikoloti o ne a dumalana le mogopolo wa gore bodiredi jwa sepodise bo okediwe go lwantsha bogodu jwa leruo mo kgaolong.

Le fa go ntse jalo, o ne a kopa morafe wa Maokane gore tshwaraganele go lwantsha borukutlhi le puso.

“A re thusanyeng go lwantsha bogodu mo kgaolong ya rona ka gore batho ba ba dirang jalo ke bana ba rona ebile re a ba itse. A rotlhe re le morafe re tsibogele dikgang tsa mofuta o gore seemo se bepe.”

Mo dikgannyeng tse dingwe, mopalamente o ne a gwetlha bodiredi jwa maphata ka go farologana go tokafatsa ka fa ba isang ditlamelo kwa setshabeng ka teng.

O ne a tlhalosa gore e re ntswa puso e itemogetse tlhaelo ya melemo mo dikokelong, bodiredi le jone bo tshwanetse jwa tsenya marapo mo nameng go tsibogela diemo tsa fa ba direlang teng.

Dr Dikoloti, yo gape e leng Tona ya Botsogo, a re puso e tsweletse ka go ikgolaganya le bagwebi go bona gore seemo sa tlhaelo ya melemo mo lefatsheng leno se ka tsibogelwa jang, bogolo jang ka go simolodisa madirelo a a dirang melemo mono.

Le fa go ntse jalo, o ne a akgolela Batswana go bo ba atlile lenaneo la thibelo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng (PMTCT), mo go dirileng gore lefatshe la Botswana le akgolwe ke mafatshe a mangwe.
 O ne a ba rotloetsa gore ba tswelele ka mokgwa oo gore seemo sa botsogo mo lefatsheng leno se tokafale.

Dr Dikoloti o ne a supa fa tshaba ya Botswana e dirile sentle thata mo go tseeng mekento ya COVID-19 jaaka ba botsogo ba ne ba laetse, gammogo le yone ya tlaleletso. BOKHUTLO
 

 

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : MAOKANE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 06 Jan 2023