Banana ba kereke ya Pentecost Jerusalem ba abile dijo
06 Jan 2023
Banana ba kereke ya Pentecost Jerusalem ba le barataro kwa Tutume ba abetse malwapa a le mararo dijo.
E rile a rola dijo tse kwa moletlong o o neeng o tshwaretswe kwa kerekeng eo ka Tshipi, modulasetilo wa setlhopha seo, se se akaretsang baithuti ba mmadikole (UB) le ba sekole sa ithutelo tiro ya booki (HIS), Rre Bright Malebala a re ba ne ba lemoga fa go na le batsadi bangwe mo kerekeng ya bone ba ba tlhokang.
Rre Malebala a re ba ne ba kopana mme ba tswa ka moono wa go re ba ngathe bonyenyane mo mading a bone a dikatso go dira sengwe se se ka thusang malapa a a tlhokang.
O boletse fa ba kgonne go rekela malwapa ao dijo tse di lopileng P850 ka madi a ba a kokoatseng. Rre Malebala a re ga se lantlha ba aba ka ba kile ba abela kereke eo ditilo di le lesome le botlhano.
A re le ntswa lemenyana le ba le fiwang la dikatso le le lennye, ba leka ka bojotlhe go gopola kwa ba tlholegang teng ka jalo ba leke fa ba kgonang teng go thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
O boletse fa ba tlaa tswelela ka go thusa fa baka kgonang teng mo kerekeng le mo motseng ka kakaretso. O gwetlhile banana ba bangwe go tsaya malebela mo go bone ba tshwaraganele ditiro tsa bopelotlhomogi.
Mogolwane wa Pentecost Jerusalem, Mme Malebogo Keemetswe o akgoletse banana bao tiro e ntle e ba e dirileng, a re ba itshupile fa ba na le boikarabelo mo setshabeng ka go se motlhofo go bona bana ba dingwaga tsa bone ba kgatlhegela ditiro tsa boithaopo.
A re ke banana ba ntlha go tswa ka mogopolo wa go nna jalo mo kerekeng ya bone, ebile ba gaisitse le bone bagolo tota.
O ba rotloeditse go okela banana ba bangwe mo ditirong tsa go thusa setshaba bogolo jang ba ba tlhokang.
O tsweletse a bolela fa banana ba setlhopha seo ba ipetletse tsela e motlhala wa bone o bonwang ke mongwe le mongwe mme seo se ka ngoka maloko a kereke go kwatabolotsa mo go bone go thusa bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelo ka puso ka e ka se kgone ele nosi.
Mongwe wa ba ba abetsweng dimpho tseo, Mme Catherine Sekgopa o galaleditse banana bao ka tiro e ntle e ba e dirileng. A re Modimo o ba okeletse ba kgone go dira go feta foo le go atlega mo dithutong tsa bone go re ba kgone go tsoga ba thusa batho ka lorato le bopelotelele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Kabo dimpho
Date : 06 Jan 2023