Breaking News

Ba akgoletswe tirisano mmogo

05 Jan 2023

 Banni ba Molepolole ba akgoletswe tirisano mmogo e ba nnileng le yone le mapodise fa ba ipelela ngwaga o mosha.

Kgakgolo e e ntshitswe ke ramapodise wa Molepolole Superintendent Benedict Matlho mo potsolosong le BOPA fa a ne a kaya fa go sena dipe tse di busula tse di neng tsa begwa ka mafelo a beke, mme a supa fa se e le kgatelo pele. O kopile morafhe wa Molepolole go tshwara fela jalo.

Go ne go tlwaelegile gore dikoloi tsa mapodise di thubiwe ka matlapa fa go kgaoganngwa ngwaga mme Supt Matlho o kaile fa mo nakong eno go sena lepodise lepe le le neng la tshwenngwa, a tlatsa ka gore ba ne ba ipapanne, ba tletse mo mekgwatheng go laola seemo.

E rile ka kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bosupa, mapodise ba tshwara dithuto se-ka-dipuisano le bagwebi ba marekisetso a nnotagi mme ramapodise o boletse fa di thusitse ka madirelo a ne a tswalwa ka nako, ebile a obamela melao ya teseletso ya bone.

Le fa go ntse jalo, ka malatsi a keresemose, go ne ga begwa leso le le lengwe morago ga gore lekawana le le dingwaga tse di masome a mabedi le boraro la Molepolole, le tlhabiwe ka sengwe se se bogale ke mosimane wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi morago ga go tlhoka kutlwano mo maitisong kwa masimong a Mosekele.

Mmelaelwa o setse a itshupile fa pele ga kgotla tshekelo mme Supt Matlho o tlhalosiste fa a santse a le mo kgolegelong mme o tlaa itshupa fa pele ga lekgotla kwedi eno ya Hirikgong a tlhola masome a mabedi le boferabobedi.

Rre mongwe wa Lentsweletau yo o dingwaga di masome a mabedi le bone o ne a ikgapela botshelo mme ga go itse se se ka tswang se bakile seo ka a ne a sa tlogela molaetsa.

Mo go tse dingwe, monna wa dingwaga tse masome a mane le motso o ne a latlhegelwa ke botshelo morago ga go thulwa ke kolotsana e neng e gogwa ke terekere.

Go bolelwa fa rre yoo, wa kgotla ya Lephaleng mo Molepolole, a ne a tsamaya ka dinao, mme go lebega kolotsana eo e ne e sa tshwarisiwa sentle mo terekereng, ka jalo e ne ya kgaogana le terekere mme ya thula mo tsamaya ka dinao.

Supt Matlho o kopile batsamaya ka dinao go nna pudi matseba, ba seka ba baya fela mo bakgweetsing. BOKHUTLO. 

 

Source : BOPA

Author : Tebagano Ntshole

Location : MOLEPOLOLE

Event : potsoloso

Date : 05 Jan 2023