Breaking News

Lerole le ne le beta mokoduwe kwa Mogoditshane

05 Jan 2023

Lerole le ne le beta mokoduwe ka Labobedi fa ditlhopha tsa dikhwaere di iteisana borathana kwa lebaleng la Mogoditshane Fighters.

Dikhwaere go tswa mo dikgotleng tsa Mogoditshane  di ne di thuntshitse lerole ko maitisong a a neng a rulagantswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Tumiso Rakgare.

Ditlhopha tse thataro di ne di tsene moletlo o, mme ya ntlha go gata serala ya nna Shining Stars, e e agilweng thata ka banana.

Ba bo ba ipheleditse makgarebe ka dikhiba tse o ka reng di segetswe mo go bone, moroki wa tsone a tsere nako ya gagwe go supa fa tota a rata tiro ya gagwe.

Ba ne ba opela pina e e tsamaelanang le leina la bone, ba re Dinaledi di a wela, mphatlalatsane le kgogamasigo ke tse ditona.

Mme pina ya bobedi ba bua fa Nare e bolaile nare.

Ya re ba fologa serala, ga tsena ya Kgatleng ka Koko re a dumedisa  morago ba bua fa ba tswa Kgatleng, mme ba tsena ba dumedisa magosi.

Ga latela khwaere ya Ledumadumane ya Union mme ga tloga ga jewa tlhako, ya ntsha mebino ka go farologana, ba opela gore bone ke ditau tsa koma, ga ba tsena bangwe ba a sia.

Khwaere ya Maulane ya latela ya bua gore darling, ga gona dikeledi tse di tswang mo matlhong ame.

Go bolelwa fa khwaere e, e le yone e leng tona mo Mogoditshane, se se netefaditsweng ke mongwe wa bagogi, Mme Pabalelo More.

O supile fa e simolotswe e bidiwa Small Choir, mme ba bogosi ba kopa gore dikhwaere di bidiwe ka maina a dikgotla tsa bone, ka jalo ba bidiwa Maulane.

Mme More o supile fa ba amilwe ke melao e e neng e dirilwe go laola mogare wa COVID-19, ka jalo ga ba ise ba boele mo seemong sa bone, le maloko a mangwe ga a ise a boe.

Ka setepe se natifisa dikhwaere mme ga nna le ngongorego morago ga gore khwaere ya Union e bine setepe sa Maulane.

O ne a re khwaere ya Union e ka bina mmino wa bone fela fa ba sa binele mo seraleng se le sengwe.

Go ya ka ba ofisi ya mopalamente, moono wa bone e ne e le go tsosolosa dikhwaere le go netefatsa gore go na le se banana ba Mogoditshane ba ka se dirang mo malatsing a boitapoloso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebagano Ntshole

Location : MOLEPOLOLE

Event : Dikhwaere

Date : 05 Jan 2023