Breaking News

Ntlo e jelwe ke molelo

04 Jan 2023

 
Mapodisi a Maun a mo letsholong la rre mongwe mabapi le go shwa le go lora ga ntlo ya mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le motso wa kgotla ya Shashe kwa Maun ka Matlhatso.
Mme yoo o kopanye le seemo se mo mosong a tswa maitisong go kgaoganya dingwaga.
Mothusa mookamela mapodisi, Assistant Superintedent Kgakgamatso Koboyatshwene o rurifaditse tiragalo e, a re mme yoo o boletse fa a ne a ile maitisong go kgaoganya dingwaga le ditsala mme ya re a le koo a kopana le mokapelo wa gagwe wa pele yo o neng a mo kopa gore ba bue ka kgang ya bone ka e ise e fele.
O tsweletse a re mme yoo o boletse fa a ne a sena kgatlhego ya go buisana le rre yoo mme a mo tshosetsa ka mantswe a a reng “feta re bua kgang, e seng jalo ke tsile go go bolaya e bo ke tshuba ntlo ya gago.”
Assistant Superintedent Koboyatshwene a re mme yoo o boletse fa mantswe ao a ne a mo tlhobaetsa mme a sulafalelwa ke maitiso a bo a tsamaya mme ka a ne a aperwe ke letshogo a ya go kopa boroko kwa tsaleng ya gagwe.
Mo mosong a phakelela kwa ga gagwe mme a kgatlhantshiwa ke go bona leru le lentsho la mosi le a apesitse ntlo ya gagwe mme ka go tlhoka lesego a fitlhela ntlo le dithoto di shwele.
O boletse fa mapodisi a boloditse letsholo go batla mokapelo wa mme yoo go ba thusa mo ditlhotlhomisong.
Mo dikgannyeng tse dingwe a boletse fa mapodisi a kwadisitse dikgetsi tsa dikotsi di le pedi tse di gapileng matshelo a batho.
Assistant Superintendent Koboyatshwene a re kotsi ya ntlha e diragatse kwa kgotleng ya Thito e mo go yone mokgweetsi wa dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe a ileng a thula rre mongwe wa dingwaga tse di masome matlhano le bone a leka go kgabaganya tsela.
A re rre yo, o ne a ragosediwa kwa sepatelang sa Letsholathebe kwa go neng ga rurufadiwa fa a tlhokafetse.
Kotsi e nngwe e diragatse kwa kgotleng ya Sedie e mo go yone rre wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano a thudileng rre wa dingwaga di masome a mararo le borataro yo le ene a neng a leka go tlola tsela.
O kaile fa le ene a ne a isiwa kokelong mme ga rurufadiwa fa a tlhokafetse.
Assistant Superintendent Koboyatshwene a re dikotsi tseo ka bobedi di didiragetse metsotsonyana fela pele ga Batswana ba amogela ngwaga o mosha.
Kwa Seronga, mookamela mapodise Superintendent Peter Masole o boletse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi a neng a thulwa ke koloi e e pegang setshaba a leka go tlola tsela kwa motseng wa Gunotsoga maabane. (01.01.23)
A re koloi eo e ne e tswa ntlha ya Gudigwa e ya Seronga mme ka lesego mme yoo o ne a bona dikgobalo mme a robaditswe kwa kokelong ya Gumare.
Kwa ntle ga kotsi eo a re banni ba amogetse ngwaga o mosha sentle ka jaana ba ne ba itshwere sentle e bile ba tirisanyo mmogo le mapodise e le e e kwa godimo.
BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Interview

Date : 04 Jan 2023