Breaking News

'Se bakeleng bokopano'

04 Jan 2023

 
Bakeresete ba ba tsweletseng ka go bakela bokopano ba kgothaditswe go shwafatsa botsalano jwa bone le Modimo ka e le botshabelo bogolo jang ka lefoko la Modimo e le seikakatlelo.
Go lemosegile fa bontsi jwa bakereki ba sale ba simolotse go goga dinao ka nako ya COVID 19, ka jalo ba rotloediwa go tsena kereke ka fa go tshwanetseng.
Moruti Phillius Otlaadisang wa First St Peter kwa Tsabong o buile se mo potsolotsong fa ngwaga di kgaogana a re tsholofelo ke go bona bokopano jwa dikereke bo fetoga mo ngwageng o mosha go tla go rapela le go galaletsa Modimo ka pabalesego ya one e le bakeresete le setshaba ka kakaretso bogolo jang ka ba tswa mo manokonokong a bolwetse jwa COVID-19 jo bo neng bo apesitse lefatshe kobo ka letshoba.
A re ke nako ee maleba ya go leboga Modimo ka jaana ngwaga tse pedi tse di fetileng ba ne ba sa kgone go obama ba phuthologile ka ntlha ya mogare wa Corona mme a kgothatsa diphuthego tse di farologanyeng go itsetsepela ka lefoko la modimo ka le na le botshelo.
Moruti Otlaadisang o ne a re ntswa puso e buletse dikereke go obama jaaka pele ka bolwetse bo kokobetse baphuthegi bangwe ba goga dinao go ya dikerekeng, a ba gwetlha go dira pharologanyo mo ngwageng o mosha.
O ne a kgothatsa banana go inaakanya le lefoko la Modimo ka le ka ba aga le gone go tsena dikereke ba tlhwaafetse ka e le bone ba gantsi ba amegang mo ditirong tse di duleng mo tseleng a re “poifo Modimo ke tshimologo ya botshelo” bogolo jang ka e le bone baeteledipele ba diphuthego ba kamoso.
Moruti o ne a tlatsa ka mafoko a a mo go Tshenolo 21:1-3 a a reng ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha gonne tsa pele di fetile mme modimo o tlaa babalela batho ba one mo go tsotlhe tse di ba tshwenyang mo matshelong a bone gammogo le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong, mo ngwageng o mosha.
Ntswa malatsi a keresemose le a ngwaga o mosha a le botlhokwa mo badumeding , bagwebi ba ba botlana le bone ba rata malatsi a ka a dira pharologanyo mo matshelong a ka go tsenya dipolelo tse di botoka fa ba tshwantshanya le malatsi a mangwe.
Mme Galefele Ditlhabi wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro wa madirelo a dijo le dino tsididi wa Tsabong o ne a rurifatsa seo.
O ne a tlhalosa fa ene le batsadi ba gagwe ba simolotse kgwebo eo ka ngwaga wa 2017 mme e dira sentle mme ya wela tlase ka nako ya COVID-19, a re e tsogile a re e dirile sentle thata ka Keresemose le mo malatsing a, a boitapoloso.
O ne a gwetlha banana ka ene go ema ka dinao ba ipulela dikgwebo go itshetsa le go tokofatsa matshelo a bone ka jaana puso e phutholotse letsogo ka mananeo a a farologanyeng gore ka one ba kgone go ikemela ba ithusa le ba malwapa a bone.
Mooki go tswa mo sepeteleng sa Tsabong Rre Sedumedi Ngoreng o ne a supa boitumelo jo bogolo a supa fa sepatele sa Tsabong jaaka dipaptele tse dingwe le sone se segofaditswe ka maseanyana a mararo basetsanyana ba babedi le mosimanyana ka letsatsi la ngwaga o mosha, a supa fa ba tsogile sentle ebile ba itekanetse.
Mo puisanong Kgosi David Seetelo Toto ll wa motse wa Tsabong a re morafe wa gagwe o amogetse letsatsi la ngwaga o mosha ka thitibalo le kagiso ka go sa nna le sepe se se hatlhang a supa fa bontsi jwa batho ba ne ba ile dikerekeng go ya go amogela ngwaga o mosha teng.
Kgosi o ne a tlatsa ka go eleletsa banni ba Kgaolo ya gagwe masego le matlhogolo a ngwaga wa 2023 le katlego mo matshelong a bone.
Dikereke ka go farologana mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa di ne phuthaganetse mo mafelong aa farologanyeng go amogela ngwaga o mosha ka botumelelo jaaka e le tlwaelo go lopa le go solofela tse di molemo mo Modimong tse ba di eletsang go diragala mo lefatsheng, mo matshelong a bone gammogo le masika le ditsala.
BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : Tsabong

Event : Interview

Date : 04 Jan 2023