Breaking News

Mapodise a Ramatlabama a tlhotlhomisa polao ya mosadi

23 Dec 2022

Mapodise a Ramatlabama a tlhotlhomisa kgang e mogo yone go fitlhetsweng mme wa dingwaga tse di fa gare a bolailwe kwa Pitsane.

Mookamela mapodise a lekalana la CID la kgaolo ya No4 district Superintendent Moses Temogo o boletse fa ba amogetse pego ka tiragalo eo mo mosong wa Labone mme ba ragogela kwa lefelong la tiragalo kwa ba fitlhetseng mme yoo yo go neng go lebega a bolailwe.

A re ditlhotlhomiso di tsweletse go bona gore mme yoo o katswa a bolailwe ke mang.

Kgosi Tiego Leshomo wa Pitsane a re kgang eo ee ngomolang pelo eo e a tshwenya, a supa fa go lebega borukutlhi bo le bo ntsi mo motseng wa gagwe.

Rre Leshomo a re go botlhokwa gore batsadi ba itse gore bana ba bone ba abo bale kae, ba na lebo mang segolo jang bosigo.

A re o tshwenngwa gape ke go iphitisa nnotagi ga banana a re ke gone go felelang go baka dipolaano.

Kgosi Leshomo a re motse wa Pitsane o setse o godile mme ka jalo puso e tshwanetse go leka go oketsa mapodise go leka go laola seemo sa borukutlhi jo go lebegang bo tswa mo taolong.

O kopile banni go tlhokomela bana ba bone segolo jang ba basetsana le dithoto ka malatsi a  boitapoloso. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Pitsane

Event : Interview

Date : 23 Dec 2022