Breaking News

Tshwaragano e ka ntsha maduo

21 Dec 2022

Tshwaragano ya mapodisi le boeteledipele jwa metse, jwa kgaolo, batho ka bongwe ka bongwe le ba-na-le seabe ba bangwe, e botlhokwa mo go ntsheng maduo a a nametsang mo twantshong ya borukuthi.

Se se senogile mo bokopanong jo bo neng bo rulaganyeditswe magosi a metse mengwe e e bapileng le molelwane wa lefatshe leno le la Zimbabwe le ba-na-le seabe ba ba akaretsang makalana a tsa itshireletso kwa Masunga ka Labobedi.

Bokopano joo, jo bo neng bo tsenwe ke magosi a metse ya Masunga, Mbalambi, Gungwe, Zwenshambe, Nlapkhwane, 

Mapoka, moroka le Ramokgwebana, bo ne bo rulagantswe ke molaodi wa kgaolo eo, Rre Gobe Macha morago ga go tshwenngwa ke ditiragalo tsa borukuthi mo tikologong ya metse eo.

Bosheng, borukuthi bogolo jang jwa go utswiwa ga dikoloi mme dingwe di amogwa beng ba tsone ka tiriso ya dikgoka, bo ne jwa tsenya tsebetsebe mo banning ba kgaolo eo. 

Fa a tswa la gagwe, Mookamela mapodisi a District No 15, Senior Superintendent Kabo Badirwang a re boemong jwa go supana ka menwana, mapodisi le morafe ba tshwanetse ba bereka ba le seopo sengwe go lwantsha borukuthi mo tikologong ya bone.

Senior Superintendent Badirwang a re batho ba amogwa dithoto tsa bone bosigo le motshegare mme sebe sa phiri e le go bo bangwe ba itlhokomolosa mananeo a twantsho borukuthi.

A re go bereka ba le setlhopha le morafe go ka fokotsa bokete jwa borukuthi mo lefatsheng leno.

O ne a kgala mokgwa wa bangwe wa go thapa batswakwa ba ba tsenang mono ka bokukuntshwane, a tlatsa ka gore bangwe ba felela ba tsena mo maratong le bone, selo se a boletseng se holodisa maiteko a mapodisi a go dira tiro ya bone ka fa ba solofetsweng ka teng. 

O boletse fa ba na le tirisanyo mmogo le bakaulengwe ba bone ba Zimbabwe, ka jaana ba kgona go latedisa dingwe tse di utswilweng mono mme go belaesega di le kwa lefatsheng leo.

Senior Superintendent Badirwang o tsweletse a supa fa tshenngwa ke badira melato bangwe ba ba inaakanyang gape le botlhoka tsebe fa ba emetse  tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo. 

A re go letsa moretlwa mo badira melatong, ke sengwe se se ka thusang go ba busetsa mo tseleng.

Molaodi Macha o boletse fa maikaelelo a bokopano joo, e ne e le go fa boeteledipele jwa metse le ba-na–le seabe sebaka sa go buisana le go gakololana ka fa go ka lwantshiwang borukuthi ka teng. 

O kopile magosi go gasa molaetsa wa twantsho borukuthi kwa metseng ya bone.

O supile fa go le botlhokwa gore baagisanyi ba itsane le go amogana dinomore tsa megala ya mesokelatsebeng. 

E re ka jaana dipula di tsweletse ka go tshologa, Rre Macha o gakolotse magosi go nna ba le malala a laotswe go tsibogela dibetso tsa tholego tse dika  nnang teng mo metseng ya bone, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore ba tlhame dikomiti tsa dibetso tsa tlholego.

Magosi a metse eo, a ne a supa fa ba le bete semolangwana ka go bo mapodisi a tlhaelelwa ke ditsompelo di tshwana dikoloi, diofisi tse ba direlang mo go tsone, matlo a boroko, dilo tse ba kaileng di ba ema pele go diragatsa tiro ya bone. 

Bangwe ba supile ngongorego tebang le l go tlhaela ga mapodisi mo metseng ya bone. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Bokopano

Date : 21 Dec 2022