Breaking News

Go tla sha legong kwa Mmatshumo

21 Dec 2022

Go tlaabo goo sha legong go sala molora kwa Mogobeng wa Ditau kwa Mmantshumo ka letsatsi la keresemose kwa maitisong a Kewa Boteti a a rulagantsweng ke moeteledipele wa setlhopha sa mmino wa setso sa Culture Spears.

Dithakga tsa pina tsa Botswana di tlaabo di tlhakanetse serala  kwa masimong ao go leba yoo sebete. Balatedi ba mmino ba tlaa ja mogopo o tletse jaaka setlhopha sa Culture Spears,Kabelo Mogwe, Franco yo o itsegeng ka Lepako le Afro Musica ba mmino wa Kwasa kwasa ba tla opela.

Dr Vom yo o itsegeng thata  ka pina ya Tsaya thobane, ATI wa Lekhete, Khoi San, Slindile, Rocking Stars le bone ba tlaa bo ba dira go swela. Mc Maswe and Beauty Queens, Rramozara, Matlakadibe, Zandaseb, SSP, Sasa ba tlaa bo ba ntsha ga tshwene.

DJ LC, Gustavo le Tebza go tswa South Africa ba tlaa bo ba tswakanya go fa barotloetsi letsatsi le le monate. Emax, Walkman ba tlaabo ba tsamaisa tiro mme go tlaa nna le yo mongwe yo o tlaa ba thusang yo o tla bolelwang ka letsatsi la ditiragalo.

Mo Potsolotsong Mogwe yo o tlholegang kwa Mmatshumo o ne a re o ne a lemoga fa go tlhokafala go tlotlomatsa kgaolo ya bone, e e nang le dilo di le mmalwa tsa bojanala le bodiragatsi, mme e sa itsewe.

 A re maitiso a Kewa Boteti a a mo ngwageng wa botlhano a kgonne go ngoka bajanala kwa mafelong a bojanala jaaka Khubu Island, kwa go epiwang letswai le lefelo la ditau le kwa metsing a a elang kwa go tlwaelesegileng ka leina la mmakgama. A re keletso ke go bona mafelo a a itsege le kwa ntle ga lefatshe.

Mogwe a re mo dingwageng tse di fetileng bagwebi ba ba botlana ba ne ba rekisa fela, selo se se neng se tlogela motse o le leswe, mme e nne boikarabelo jwa barulaganyi ba maitiso, a re ngwaga o, ba ba batlang go rekisa ba tlhoka teseletso e ba ka e bonang ka lemmenyane mo komiting ya ditlhabololo tsa motse.

A re se se tlaa thusa komiti go dira madi a ba tlaa dirisang go phepafatsa lefelo morago ga maitiso. A re bontlha jwa madi a, ba tlaa bo dirisa mo ditirong tse dingwe.

Mogwe a re keletso ke go dirisa maitiso go tsisa pharologanyo mo matshelong a balatedi ba bone, a re ke ka moo ba fang le boeteledipele sebaka sa go fetisa melaetsa e e botlhokwa jaaka e e amang malwetse, kgokgontsho ya bong ka e le boikarabelo jwa bone e le badiragatsi.

A re keletso ke gore mo nakong e e tlang ba kgone go thusa Batswana ka dipoelo tsa Kewa Boteti. “Re bata go dira motlhala, batho ba re gakologelwe ka ditiro tse di bonalang. Gape re bata gore batho ba itse kgaolo ya Boteti, le gone go rotloetsa bana ba ba tswang mo gae.  Ga re batle gore ba bone ekare ba latlhegile.”

O gakolola barotloetsi ba bone go kgweetsa ka kelotlhoko le go senwe fa ba kgweetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Festival

Date : 21 Dec 2022