Banni ba rotloediwa go ipabalela
20 Dec 2022
Malatsi a go ipelela keresemose la ngwaga o mosha, ke mangwe a a tshabelelwang ke ditiragalo tse di maswe.
E re ka go setse malatsinyana pele ga malatsi ao, go mo maruding a Batswana go dira gotlhe go leka go tila le go kganela masula ape, a a ka kgoberang kagiso le boitumelo jo mongwe le mongwe a eletsang go bona di rena mo lefatsheng leno.
Ka moo, lekgotla la baruti la MAMATOBO le le akaretsang metse ya Makaleng, Matenge, Toteng le Botalaote kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, le neng la go rulaganya tirelo ya go rapelela masula a tshwana dikotsi tsa ditsela, dipolaano tsa baratani, kgokgontsho ya bong, go ipolaya le tiriso botlhaswa ya ditagi le bojalwa bosheng.
Tirelo eo, e neng e tsenwe ke maloko a dikereke ka go farologana gotswa mo metseng eo le baemedi ba makalana mangwe mmogo le banni, e ne e tshwaretswe kwa tseleng ya Sebina-Makaleng fa nokeng ya Shashe kgwedi eno e le lesome le boferabobedi.
Dibui ka go farologana di gakolotse batho go itlhokomela mo malatsing ao, go tila tsotlhe tse di ka tsenyang matshelo a bone mo dipharagobeng, ba re go botlhokwa gore ba retologele le go ikanya Modimo ka dinako tsotlhe, ka o ka ba faposa mo ditseleng tse di sa siamang.
Banana ba ne ba supiwa ka monwana go bo e ele bone gantsi ba tlhotlheletsang ditiragalo tse di bosula kantlha ya boitshwaro jwa bone, jo bo makgapha.
Fa a ema batsena tirelo eo ka lefoko, mooki kwa kokelong ya Makaleng Mme Tiriyamodimo Kefilwe a re go lemosegile gore go le gantsi fa go tla malatsi a keresemose le ngwaga o mosha, batho ba nna le boitshwaro jo bo sa itumedisang, jo bo bakang tlhakatlhakano mo matshelong a bone le a ba bangwe.
Mme Kefilwe a re go nna le dintwa, tse mo go tsone bangwe ba tlhabanang ka dingwe tse di bogale, mo go felelang go baka gore bangwe ba latlhegele ke madi a mmele, mme phelelong ba latlhegelwe ke botshelo, ka go na le tlhaelo ya madi a mmele mo lefatsheng leno.
A re mo godimo ga moo, go nna le tlhakanelo dikobo e e senang boikarabelo mo bananeng, e a boletseng e felelang e baka khuduego maikutlo mo go bone.
O tsweletse a gakolola bao ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare wa HIV, go di tsaya ka tlhoafalo, a kaya fa ba tshwentswe ke go bo go santse go na le bangwe ba ba nang le mokgwa wa go tlodisa go nwa dipilisi tseo.
Mme Kefilwe o ne a gwetlha batsadi go rotloetsa bana ba bone go nna ba etela kwa bookelong go ya go thusiwa ka mananeo a a ka bolokang matshelo a bone.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Makaleng, Rre Mothusi Nakedi o ne a supa thobaelo ka dikotsi tsa ditsela, tse a tlhalositseng di tsaya phekelo e sele. A re bontsi ba dikotsi di bakwa ke go kgweetsa ka lobelo le le kwa godimo le go nwa bojalwa motho a kgweetsa.
A re go a makatsa go bona bangwe ba kgatlhiwa ke go kgweetsa ka lobelo le le kwa godimo, ebile ba ikgantsha gore dikoloi tsa bone ke tsa mabelo.
O gakololotse bapalami ba dikoloi tsa setshaba go kgalema fa bakgweetsi ba kgweetsa ka lobelo le le feteletseng, go na le go didimala fela.
Mokhanselara Nakedi o tsweletse a gwetlha batho go nna ba tsaya mesepele ka nako, a re bangwe ba na le go oketsa lobelo go leka go tshwara nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MAKALENG
Event : Kereke
Date : 20 Dec 2022