Breaking News

Batswana ba rotloediwa go lema ditapole

20 Dec 2022

 Rre Elfas Mcloud Shangwa go tswa kwa Farmer’s Pride International yo gape eleng  tautona le mosimolodisi  wa Hunters  Global   Network  a re  ditapole ke teemane e e ka fetolang matshelo a batho.

Rre Shangwa o buile mafoko ao kwa  Lobatse ka Matlhatso mo dithutong tsa go rutuntsha  ka go  lema ditapole mo kgetsing.

O boletse fa maikaelelo magolo a dithuto tse e le  go diragatsa nngwe ya dipilara tsa tebelopele ya  Sechaba ya 2036, ya go aga itsholelo ee ikaegileng ka dikitso le go rekisa dithoto kwa mafatsheng a sele. 

O ne a supa botlhokwa jwa temo-thuo ka e rurafatsa gore dijo di nna teng le gone go tlhama ditiro.

Rre Shangwa o tsweletse a bolela gore go tshwanetse ga rutintshiwa Batswana ba le dikete di lesome ka temo ya ditapole gore ba kgone go ijesa, ba jese lefatshe leno, mafatshe a a mabapi  le lefatshe ka bophara.

O tsweletse a bolela gore ditapole di lemiwa dipaka tsotlhe tsa ngwaga, a tlatsa ka go tlhalosa gore go lema mo kgetsing go thusa ka gore o kgona go tlhaola e e belaesegang e sa siama   mo go tse di siameng  ka jalo gago bonolo gore e ame dijalo tse dingwe.

Rre Shangwa o tsweletse a tlhalosa gore go botlhokwa gore go dirwe ditlhophana go bereka mmogo  go thusana ka di dirisiwa a re se se ka thusa go ntsha dijo tse di lekaneng mo lefatsheng leno.

Mo go tse dingwe o tlhalositse ka dintlha tsa botlhokwa mo temong  jaaka go tlhabolola banana ba Aferika mo temo-thuong, go ruta ka botlhokwa  jwa ditapole mo itshlelong ya lefatshe, le temo ya ditapole lefatshe ka bophara, a tlatsa gore ditapole dina le dikotla.

O tsweletse a bolela gore go lema ditapole mo kgetsingmolemi  o tshwanetse a bo oitse mofuta wa ditapole,dipoelo, tlhokomelo ya mofuta wa mmu, kgolo ya temo, thobo le tsa thekiso, tiriso ya di tswa ditapoleng.

Rre Shangwa o boletse gore ditapole di na le mosola le ditiro tse ntsi jaaka go dira dikuku tsa manyalo ,le dibisikitse.

A re ditapole di jewa dintlheng tsotlhe tsa lefatshe ka bophara. 

O ne a kgothatsa ditlhophana gore di bereke ka thata go bona maduo a maemo a ntlha go nyeletsa lehuma.

Mogokaganya ditiro wa Farmer’s Pride International  Mme  Thabana  Mohamadi o ne a supa  fa thuto-puisanyo e e atlegile ka ene e tsenwe ke batho go tswa  mo mafelong a farologaneng jaaka Thamaga,Lobatse, Metlojane,Gaborone,Dikwididi,Kanye,Tlokweng, Gakuto,Molapowabojang le Kgalagadi.

Kgosi Thebe Makwa wa Lekgolobotlo o  ne a  lebogela batsena dithuto tseo boitshoko le bopelotelele go tsaya di thuto ka tlhwaafalo a bolela ga go supa go tla nna le phetogo ka ba ithutile go le gontsi mme ebile matshelo a tla fetoga .

 BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Dithuto tsa go lema

Date : 20 Dec 2022