Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho

20 Dec 2022

Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano a tlhokafetseng morago ga go tlhabiwa ka sengwe se se bogale mo mahatlheng ka Matlhatso bosigo.

Mo potsolosong le ba lekalana la BOPA, motshwarelela mogolwane wa mapodise a Serowe, Assistant Superintendent Bopelo Ntatiwa a re moswi yo o tlholegang kwa kgotleng ya Kgala kwa Mabeleapodi o ne a tlhabiwa ka sengwe se se bogale ke rre wa ngwaga tse masome a mararo le bone wa kgotla ya Moshamo kwa Serowe.

A re tiragalo e e dirageletse kwa Serowe kwa lwapeng lengwe le kwa go lone go rekisiwang majalwa a a titielelwang mo malwapeng. 

A re morago ga go amogela pego ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragalo, ba tsaya rre yoo ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Sekgoma kwa ba bongaka ba neng ba rurifatsa fa a sa tlhole a le mo botshelong.

Assistant Superintendent  Ntatiwa a re mmelaelwa o mo diatleng tsa mapodisi go thusa ka ditlhotlhomiso mme a setse a itshupile fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata. O tlhalositse fa mmasepoto yo tiragalo e diragaletseng kwa ga gagwe a ne a lebisiwa molato wa go rekisa nnotagi morago ga nako tse di beilweng mme a ne a atlholwa P2 000.

Mo go tse dingwe Assistant Superintendent  Ntatiwa a re e ne ya re bosigo jwa Sontaga ba begelwa fa mme mongwe a ne a ne a thulwa ke koloi gaufi le marekisetso a bojalwa a The Winning Lounge gone kwa Serowe.

A re mme yoo, yo a tlholegang kwa kgotleng ya Motlhodi kwa Serowe o ne a kgabaganya tsela mme koloi ya modiro wa RUNX e e neng e tswa ntlheng ya bophirima e lebile kwa botlhaba ya mo thula. A re mme yo, wa dingwaga tsedi masome a mabedi le borataro o ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Sekgoma kwa dingaka di neng tsa supa fa a tlhokafetse

Assistant Superintendent  Ntatiwa a re mokgweetsi wa koloi eo o ne a le botsa phokoje morago ga tiragalo eo mme a ya go latlhela koloi kwa Masama kwa e neng ya fitlhelwa ke ba sepodisi teng.

 A re mmelaelwa yo a dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa yo a tlholegang kwa Serowe o ne a itshupa kwa mapodising morago, kwa a fetileng a tshegediwa ka jaana ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. 

Assistant Superintendent  Ntatiwa o kopile ba marekisetso a nnotagi go obamela dinako tse di beilweng tsa thekiso, a bo a boa a ikuela mo setshabeng go ipabalela kgatlhanong le ditiro tsotlhe tsa borukhutlhi.

Tebang le maitiso a Born And Raised a a tlaa tshwarwang kwa Serowe ka Labotlhano, Assistant Superintendent Ntatiwa o boletse fa ba le malala-a-laotswe go lwantsha botlhokatsebe jo gantsi bo dirwang ke batho fa ba ile maitisong. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Atang Mosinyi

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 20 Dec 2022