Ntibinyane o dira dinotsididi ka mogorogorwane
19 Dec 2022
Batswana bangwe ba tsweletse ka go sekegela tsebe mokgosi wa puso wa gore ba tlhabolole dijo ka go farologana go oketsa sebaka sa go nna teng ga tsone.
Mongwe wa ba ba dirang jalo ke Mme Chingwe Ntibinyane wa kgotla ya Mpaphazi kwa Serowe yo a dirisang leungo la mogorogorwane go dira dinotsididi.
Mme Ntibinyane, yo ka gale a dirang dinotsididi ka maungo a a farologaneng a tshwana le morula, granadilla le namune a re o nnile le kgatlhego ya go dira senotsididi ka mogorogorwane morago ga go o fiwa ke mongwe o le montsi.
O tlhalositse fa a dirisa matute a leungo la mogorogorwane, metsi le sukiri go dira senotsididi seo se a kaileng fa tatso ya sone e mo itumedisa ebile le ba a setseng a ba se utlwisitse ba dumalana le ene ka monate wa sone.
Mme Ntibinyane a re fela jaaka a dira ka maungo a mangwe a e reng fa e le paka ya one a bo a dira dinotsididi ka one a bo a di rekisa, o itumelela go bo a bone tsela ya go atolosa maiteko a gagwe a go itshetsa ka go dira senotsididi sa mogorogorwane.
Fela jaaka mongwebi mongwe le mongwe a eletsa go ipona a godisitse kgwebo ya gagwe, mogwebi yo a re toro ya gagwe ke gore motlha mongwe dinotsididi tsa gagwe tsa maungo di bo le mo marekisetsong a magolo.
Mo nakong eno o rekisa senotsididi sa mogorogorwane kwa marekisetsong a magologolo a old Serowe mall le kwa lwapeng la gagwe.
Mme Gasefele Tlholego wa Motshegaletau ke mongwe wa bagolo ba ba supileng mo potsolosong fa mogorogorwane o ka akolwa ka ditsela tse di farologanyeng.
Lebutswapele leo la dingwaga tse di masome a supa le borobabobedi a re o tlhalefile a fitlhela mo lwapeng la bone go apewa bogobe jwa mogorogorwane fela jaaka jwa lerotse.
A re go dira bogobe jwa mogorogorwane moapei o tshwanetse a tlhatlae metsi mme e re a bela a bo a tsenya mogorogorwane a bo a fetlha go kgaoganya matute le dithapo tsa one, tse a felelang a di inotse mo pitseng.
Mme Tlholego a re morago ga go ntsha ditata moapei o tlaa bo jaanong a ka faga boupi mme a apee bogobe jwa gagwe fela jaaka go tlwaelesegile.
A re bogobe jwa mogorogorwane bo monate ebile tatso ya jone e nale kgogedi.
Ntswa go nale ba ba dirang tse di faphegileng ka leungo le jaaka Mme Ntibinyane Le Mme Tlholego, bontsi jwa batho kwa Serowe le mafelo a a mabapi ba bapala mogorogorwane ba bo ba o o ja e le leungo, fa bangwe ba o rekisa go dira letseno.
Ka paka ya one, mogorogorwane, o go bolelwang fa o jewa gangwe fela mo ngwageng go tloga ka kgwedi ya Lwetse go fitlha ka ya Sedimonthole o thusa ba le bantsi jaaka Mme Maitshoko Itumeleng le Mme Bophelo Mothapisa ba motse wa Mogorosi go oba letsogo.
Ka paka ya leungo le bobedi joo bo bolela fa ba phakelela kwa Serowe moso le moso go ya go rekisa mogorogorwane.
Mme Itumeleng o rekisetsa mogorogorwane kwa marekisetsong a magologolo a Serowe mme a re mo letsatsing o kgona go dira madi a a lekaneng go mo rekela kgetsana ya phaletshe.
A re ntswa a dira madi a a seng kalo ga a ipone tsapa ka go sena sepe gape sa itshetso se a ikaegileng ka sone.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 19 Dec 2022