' Phuthego ya Afrika le America e atlegile '
19 Dec 2022
Tona wa tsa Mafatshe a sele, Dr Lemogang Kwape, a re phuthego ya baeteledipele ba mafatshe a Africa le la Amerika e tsamaile sentle.
Dr Kwape a re lekoko la Botswana, le le neng le eteletswe pele ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, le amule go le gontsi mo dipuisanong tse di neng di akaretsa tsa sepolotiki, itshireletso, tsamaiso mebuso, itsholelo, le ka fa go ka tokafatswang tirisanyo mmogo fa gare ga bobedi joo (Amerika le mafatshe a Afrika).
A re lefatshe la Botswana le tlaa tshegetsa phuthego ya beng ba dikgwebo ya Corporate Council on Africa ngwaga o o tlang, selo se a reng se tlaa thusa bagwebi ba mono.
A re bagwebi ba Botswana ba tlaa supa bokgoni, le gore dikgwebo tsa bone di ka rutuntshiwa kana tsa tsamaisiwa tshipidi jang, jaaka ba tlaabo ba etetswe ke baeng ba mafatshe a sele.
Tona a re gape go dumalanwe gore go nne le maikaelelo a go tsweledisa tsa kgotetso, a tlatsa gore ga ba ise ba itlame go le kalo, ka jaana ba santse ba konetelela ditumalano.
A re ba santse ba emetse go sekaseka gore Batswana ba tlaa a boelwa ke eng mo tirisanyong, gape ba ba ya go rerisanya le ba molao go tlhotlha ditirisano.
A re phuthego e, gape e file Botswana sebaka sa go saenela tirisano tsa go tokafatsa tsa dipatlisiso le ba Texas A&M Research.
Dr Kwape a re go buisantswe gape ka fa go ka tokafadiwang tirisanyo mmogo ka teng mo thulaganyong ya Africa Growth and Opportunity Act (AGOA).
A re lefatshe la Botswana le supile di le mmalwa tse le eletsang lenaneo la AGOA le ka le solegelwa molemo mo go tsone, go akarediwa diteemane, mekgabisa e tshwana le ditlatlana, le tse dingwe.
A re go dumalanwe gore dithoto tsotlhe tse di dirilweng mo Botswana, go itsege gore ditswa mo Botswana, gape di tswelele di sologela Batswana molemo, le go ba thusa go tsaa karolo mo itsholelong ka go nna le seabe se se bonalang.
Tona Kwape a re go nnile gape le dipuisanyo tse di itebagantseng le go tlotla molao motheo, jaaka go tlotla ditsamaiso tse mafatshe a di ipeetseng di tshwana le lebaka le tautona aka busang ka lone.
“Re nnile le sebaka sa go nkgisana magwafa le ma Amerika ka se ba se akanyang ka rona le se re se akanyang ka bone. Selo seo ke tshimologo e ntle thata fa ele gone le kopanang le batho lantlha,” ga bua Tona Kwape.
A re Tautona Masisi o bile a kopana le balekane ba gagwe go ngunanguna ka fa ba ka dirisanyang botoka ka teng.
A re kwa bofelong Tautona wa Amerika o begile fa 55 billion USD a seegetswe kwa thoko go thusa Afrika go mo lenaneong la Agenda 2063. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : HOUSTON
Event : PHUTHEGO
Date : 19 Dec 2022