Breaking News

Setlhopha sa bomme se aba dijo

18 Dec 2022

Setlhopha sa bomme ba le lesome le botlhano se se ipitsang Mosadi Thari se abetse Mme Debe Tsiqgo wa D’kar dijo bosheng.

Fa a rola mpho eo, e e lopileng dipula tse sekete le lekgolo, leloko la sethopha seo, Mme Beauty Tebele a supa fa maikaelo a bone e le go dira pharologanyo mo matshelong a bangwe.

Mme Tebele a re bomme bao ba berekela khamphane ya dikago ya EH, e e thapilweng ke moepo wa Sandfire.   A re ba kokoanya madi go tswa mo dipateng tsa bone go thusa, a tlatsa ka gore ba tlaa tswelela ka tiro eo mo mafelong a a farologaneng.

Fa a tswa la gagwe, leloko la kereke ya Church Reformed Church Council, Rre James Morris a re maiteko a Mosadi Thari a tshwanetse go opelwa legofi le go rotloediwa gore ba kgone go ama matshelo a batho ba le bantsi.

Fa amogela mpho, Mme Tsiqgo o ne supa fa ba lelwapa la gagwe le bone ba tlaa ja keresemose e e monate. BOKHUTLO

Source : Bopa

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : Kabo ya dimpho

Date : 18 Dec 2022