Breaking News

Kwa GaMalete ba rulagantse moletlo wa dikhwaere

18 Dec 2022

Banni bangwe ba kgaolo ya ga GaMalete ba tlaabo ba kopane go ipelela letsatsi la matsalo a Morena kwa masimong a Rukurung, Mmamenwe, Sakutswane, Manyalanong.

Go rulagantswe maitiso a dikhwaere go simolola Sedimonthole a le malatsi a le masome mabedi le botlhano go fitlha Hirikgong a tlhola ga bedi.

Rre Phillimon Mhaladi wa setlhopa sa London Choir o supile fa maitiso a dikhwaere e le tsela nngwe ya go lwantsha borukutlhi le go hema dikotsi tsa tsela ka le tsisa maitiso gaufi le banni.

A re dikhwaere di tsisa kagiso le kago mo setshabeng, a tlatsa ka gore dikhwaere ke maitsiso a a lapolosang ebile a kopanya malwapa le ba masika.

Rre Mhaladi a re ngwaga le ngwaga ba tlhama dipina tse disha mme ikatiso e a ne e sa le e simolotse ka malatsi a boipuso.

Rre Mhaladi a re tiriso ya maranyane e ba diretse tiro motlhofo ka ba kgona go ikatisa mongwe le yo mongwe a le kwa a teng, go sa tlhokege gore ba emele mafelo a beke ba bo ba ka kopana.

A re ba ikaelela go oka maloko a masha go re mo isagong, ba kgone go diragatsa maitlamo a bone a go thusa go fetola matshelo kwa kgaolong ya bone.

Rre Mhaladi a re ba lemogile gore seromamowa se tshameka dipina di le dingwehela tsa mmino wa dikhwaere mme ba itlamile go re le bone, mmino wa bone o tlhagelele.

Ditlhopha tse di tlaabong di phadisana ke setlhopha sa London Choir, se se tlaabong se lebagane le sa Newtown Choir Sedimonthole a le malatsi a le masome mabedi le botlhano le Hirikgong a tlhola malatsi a le mabedi kwa Rukurung le Mmamenwe.

Setlhopha sa Sakutswane se tlaabo se lebagane le sa Manyalanong kwa Sakutswane.

Rre Mhaladi o kopile Batswana go tla go itapolosa le go itumela le bone. ENDs

Source : Bopa

Author : Itumeleng Naane

Location : RAMOTSWA

Event : Maitiso a dikhwaere

Date : 18 Dec 2022