Mokgatlho o supa lerato
18 Dec 2022
Go botlhokwa gore ba-na-le bogole le bagodi ba akole lerato go tswa mo setshabeng.
Se se builwe ke mothusa-mokwaledi wa Neelano Support Group, Kgosi Oral Mokgadi, kwa moletlong wa go ja dijo tsa motshegare le ba-na-le-bogole le bagodi kwa Serowe ka Labone.
Kgosi Mokgadi wa kgotla ya Mmala a re mokgatlho wa bone o bone go le botlhokwa go dira dijo tsa motshegare go re le bone ba ipone ba le botlhokwa mo setshabeng.
O ne a tlhalosa fa ba direla ba-na-le bogole le bagodi dijo tsa motshegare ngwaga le ngwaga ka mafelo a ngwaga ka thotloetso ya marekisetso mangwe a dilwana.
Kgosi Mokgadi a re mong wa madirelo ao yo a bileng e le modulasetilo wa mokgatlho wa Neelano, Rre Bollov Ghosh Raj, o na le motlhala wa ditiro tsa boithaopo ka le kwa lefatsheng la gaabo kwa Bangladesh a eme nokeng mekgatlho ya bopelotlhomogi.
Kgosi Mokgadi o ne a gakolola banana go ikamanya le ditiro tsa boithaopo, a re seo se ka dira gore ba nne le boikarabelo.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Raj o ne a bolela fa ditiro tsa bopelotlhomogi di le gaufi thata le pelo ya gagwe ka jalo maikaelelo a gagwe e le go bona a dirile sengwe se se tona e bile e le sa sennela-ruri mo go thuseng ba bangwe.
Superintendent Andrew Ramokapane wa lephata la dikgolegelo kwa Serowe ene o ne a tsibosa ba-tsena-phuthego ka lenaneo la popo sesha ya magolegwa le go boela ga bone kwa setshabeng.
A re maikaelelo a lenaneo le ke go akaretsa setshaba gore se thuse go tlhokomela magolegwa a a feditseng dikatlholo ka go ba ema nokeng gore ba kgone go tshela sentle le setshaba.
A re setshaba gape se tshwanetse sa thusa go nyeletsa kgethololo ya magolegwa a pele ga mmogo le go agisanya le go letlanya ba-dira-melato le ba ba diretsweng phoso, seo e le go leka go tsisa kagiso, neelano le itshwarelano. Superintendent Ramokapane a re lephata la dikgolegelo le eletsa go bona kgethololo ya magolegwa a pele le dipalo tsa dikgang tsa borukhutlhi di wetse tlase, mme boemong jwa tsone go nne le tshirelesego, thokgamo le ledula mo setshabeng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolwana ya Lontone gone kwa Serowe Rre Lawrence Kaan o ne a supa boitumelo ka maiteko a mokgatlho wa Neelano ya go tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa ba-na-le-bogole le bagodi.
A re go botlhokwa gore le bone fela jaaka motho mongwe le mongwe ba lemotshiwe fa ba ratwa ebile go kgathalwa ka bone. BOKHUTLO
Source : Bopa
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Moletlong wa go ja dijo tsa motshegare le ba-na-le-bogole
Date : 18 Dec 2022