Breaking News

Methole o bolokilwe kwa Pitsane

14 Dec 2022

 Rre Thabiso Methole wa Pitsane yo e rileng bosheng a fitlhelwa a akgega mo setlhareng o bolokilwe ka Mosupologo.

Moswi, yo o dingwaga tse masome a mararo le borataro o ne a bonwa ke mongwe yo a neng a disitse dikgomo mo sekgweng 

Mmueledi wa ba lelwapa la moswi, Rre Tlamelo Makaka, o boleletse lekalana la BOPA  fa letsomo le le ntseng le batla moswi le kgonne go bona masalela aba dumelang ele a ga

Methole yo o nyeletseng kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a robabobedi.

O tlhalositse fa ba lelwapa ba ne ba amogela pego morago ga gore mongwe modisa a bege fa a bone sengwe se go lebegang ele motho se akgega mo setlhareng kgwedi ya Sedimonthole ele lesome le bongwe.

A re ene ya re morago ba lelwapa ba tabogela kwa lefelong leo ba patilwe ke bogogi jwa motse le ba sepodisi mme ka maswabi ba fitlhela ele ngwana wa bone yo ba sa bolong go mmatla kgwedi ee fetileng.

Rre Makaka a re ba dumela fa setopo seo ele saga Methole ka jaana diaparo le mogala wa letheka wa gagwe di fitlhetswe mogo sone. 

“Ba lelwapa, masika le ditsala ba amogetse seemo jaaka se ntse mme fa ele gore go na le botlhabetsi, tsotlhe re di tlogelela ramasedi”.

A re ere le ntswa Methole a fitlhetswe a sa tlhole ale mo botshelong, ba ikgomotsa ka gore ba ne ba kgona go bona kwa a feletseng teng. 

Kgosi Oageng Kepadisa wa Pitsane o ne a gatelela mafoko aga Rre Makaka gore botsadi jwa ga Methole bo supile fa setopo se se bonweng ele sa ngwana wa bone.

Kgosi Kepadisa o tlhalositse fa go emetswe pego e e tletseng go tswa kwa go ba bongaka ka se se ka tswang se bakile leso.

Detective Superintendent, Moses Temogo wa Sepodisi sa Botswana le ene o ne a bolela fa ba dumela fa setopo ele saga Methole ka jaana le batsadi bo supile jalo ka go lemoga diaparo le mogala wa letheka tsa moswi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : PITSANE

Event : Phitlho

Date : 14 Dec 2022