Temo ka ditonki e santse e na le boleng
14 Dec 2022
E re le ntswa puso e rebotse diterekere go lemela batho, balemi bangwe ba ipelege go tshwara bokgola ka go lema ka ditonki.
Balemi ba ba tlwaetseng temo e, ba tlhalositse fa ba tswa kgakala ka temo ya ditonki.
Mo potsolosong le BOPA Mme Mmatefo Gobusamang wa Mogorosi a re o lemogile gore go emela diterekere go ka mo fetisa bokgola.
“Re tlaa iteka ka tsone ditonki, re fitlhetse bagolo ba lema ka ditonki le dikgomo mme go tswelela fela sentle, ba bolaya mabele,” a gatelela jalo.
Mme Gobusamang a re temo e, e siame fela ka a kgona go roba dikgetsi tsa mabele di le masome a mabedi mo dihekethareng di le nne.
A re o thusiwa go lema ke kgaitsadie le bana ba gagwe fa dikole di tswetswe.
O tlhalositse fa kgwetlho e a kopanang le yone ele dikgomo tse di tlhagelang mo tshimong ya gagwe, selo se a reng se mo pateletsa go fudugela mo tshimong go leta.
Mme Gobusamang o rotloeditse balemi go seke ba emela gore puso e ba belege, ba nne ba gopola metlhale ya Motswana wa maloba.
A re ka gale mo nakong ya gompieno oa bo a setse a feditse go lema, mme ngwaga ono a ne a kgorelediwa ke dipula tse di ntseng di na.
Mme Gobusamang a re o simolotse ka go lema mabele mme e tlaa re morago a leme mmidi le dinawa.
Fa a tswa la gagwe, kgaitsadie Rre Gobohahane Moabi o supile fa le ene kwa ga gagwe a ne a lema ka ditonki.
“Go ema go a diya, rona re tsweletse,” a bua jalo.
Rre Moabi a re ga a kake a kgona go emela mola wa diterekere mme a na le se a ka lemang ka sone.
Rre Moabi a re o setse a tlwaetse temo ya ditonki ka a na le dingwaga a e dirisa, a kaya fa a tsaya beke go wetsa temo.
Dikgwetlho tse a reng o kopana le tsone ke go kgaoga ga megala ya ditonki.
O tlhalositse fa a lemile ka ditselana jaaka puso e rotloetsa ebile a kaya fa e tlaare madi a lenaneo la ISPAAD a goroga a kgone go thiba tse dingwe ka one. Rre Moabi a re o lemela go ja le go rekisa, mme a re o ka itumelela go thusa ba bangwe ba ba iseng ba leme gore e tle e re motlha wa thobo le bone ba kgone go oba lebogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : MOGOROSI
Event : Potsolotso
Date : 14 Dec 2022