Go tlhagela melelwane go a tshwenya
13 Dec 2022
Mapodisi a Mahalapye a re a tshwenngwa ke dipalo tse di golelang pele tsa batho ba ba tlolelang kwa lefatsheng la Afrika Borwa e se ka fa molaong.
Mo potsolotsong le BOPA, Officer Commanding NO.16 District Senior Superindent Reuben Mphoeng, o tlhalositse fa ba gatisitse dipalo di le masome a mabedi le bobedi ngwaga o o fetileng, tsa batho ba ba tlodileng e se ka fa molaong, mme ngwaga wa 2022 ba setse ba gatisitse di le masome a mane le bosupa.
Senior Supt. Mphoeng a re batho ba metse e e bapileng le molelwane bogolo jang ba metse ya Dovedale le Kudumatse, ba tlola noka, a tlatsa ka gore ba dira jaana e tletse, mme seo se baya matshelo a bone mo diphatseng.
A re e rile ka Matlhatso, ba ne ba begelwa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse masome a mararo le bone wa motse wa Kudumatse a nale ngwana wa gagwe wa mosetsana wa dingwaga tse tharo, ba neng ba leka go tlola noka ba ya Afrika Borwa mme ka go tlhoka lesego ba wela mo metsing mo maitseboeng a Labotlhano.
A re mapodisi a ne a tsena mo letsholong la go ba batla gone ka Matlhatso, ba thusiwa ke banni ba metse ya Dovedale le Kudumatse.
O tlhalosiste fa ba ne ba kgona go ba bona ka Sontaga, mme ba ragogesediwa kwa sepateleng, kwa go neng ga rurifadiwa fa ba tlhokafetse. A re bobedi joo, bone jwa bolokiwa gone ka Tshipi kwa Kudumatse, ka ba ne bale mo seemong se se sa siamang.
O ne a supa fa ngwaga o o fetileng, e ntse ele tiragalo ya mofuta o, ba ne ba latlhegelwa ke batho ba le batlhano ba tswa kwa motseng wa Chadibe ba le jaana ba iseng ba bonwe.
O ne a kopa batho ba metse e e bapileng le molelwane go ikgalemela, ba emise go tlola ka fa go sa letlelesegeng, ka go sa kgonagale gore e le mapodisi ba bo ba le mo melelwaneng ka nako tsotlhe, a tlatsa ka gore go nale dipolase tsa batho go bapa le noka tse gantsi di a bong di tswetswe.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 13 Dec 2022