Breaking News

Modulasetilo o kgala thekiso ya ditsha

13 Dec 2022

Lekgotla la Kabo Ditsha la Kgalagadi le tshwenngwa ke bangwe ba ba tsweletseng ka go rekisa lefatshe ntswa le tlhaela.

Thekiso e go supilwe e sa siama ka dikokomane tse di tlang di tlaa fitlhela go sena lefatshe.

Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi Rev Sylvester Tselaesele o buile se mo moletlong wa dijo tsa maitseboa o ba lekgotla leo ba neng ba o rulaganyeditse batsaa-karolo go tla go buisanya le bone ka ditirelo tsa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi, tse ba di fitlheletseng, dikgwetlho le go ya pele ka maitlamo a bone e le go tlhomamisa gore Motswana mongwe le mongwe o abelwa setsha bogolo jang sa bonno.

Modulasetilo o boletse fa puso e tshwengwa ke dipalo tse di kwa godimo tsa baikopedi ba ba emetseng go bewa ditsha tsa bonno le palo ee kwa tlase ya ba abelwang ditsha ngwaga le ngwaga.

O boletse fa seo se ne sa gwetlha Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go ntsha taelo ya gore makgotla a kabo ditsha a tsholetse mosepele gore segolo ba abele Batswana ditsha di ka nna 100 000 mo ngwageng ono wa madi wa 2022/2023.

Modulasetilo o ne a supa fa lekgotla leo le ipeetse seelo sa go aba ditsha di le 4 325 a tlatsa ka gore lekgotla le ne la aba ditsha di le 1 500 mo ngwageng oo fetileng wa madi.

Rev Tselaesele o boletse fa dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le baikopedi bangwe ba ba sa itshupeng go arabela ditsha selo se a supileng fa se paledisa lekgotla go aba ditsha tse di leng teng.

Modulasetilo a re kgwetlho e nngwe ke ya ditsha tse di sa tlhabololweng.

A re  bangwe ba busa ditsha ka mabaka aa farologanyeng mme morago ba ikopele go bewa go sele mme seo se gwetlhe lekgotla go sekaseka mo go tseneletseng. O boletse fa molao wa kabo ya lefatshe wa 2019 o tlama gore Motswana mongwe le mongwe a abelwe setsha se le sengwe fa a eletsang teng, a supa fa mo ngwageng ono go setse go busitswe ditsha di le masome a marataro le boferabobedi.  A re se se ka thusa go abela baikopedi ba ba tlhokang lefatshe.

O kgothaditse Batswana go fetolela ditlankana tsa ditsha kwa go tse disha tsa Secure Land Title ka di na le boleng jo bo kwa godimo mo go ka ba thusang mo dikadimong tsa madi mo dibankeng.

A re dingwe tse lekgotla le di kgonne ke molao o ba o  itiretseng go tlaleletsa wa puso o o neng o leng teng go ba thusa go mo kabong ya ditsha oo tseneng mo tirisong ka Moranang mono ngwaga.  

A re ba ne ba tsamaya le batsayakarolo botlhe ba akaretsa dikgosi, komiti ya ditlhabololo ya motse, District Development Committee, makgotla a balemi, barui, dikgwebo, Khansele le tse dingwe go rerisana le bone ka one.

O boletse fa tsetlana ya molao oo e emisetsa wa 2006 wa tsamaiso lefatshe oo tsamaelanang le wa 2019 selo se a supileng fa o tlaa thusa mo kabong ya lefatshe ee akaretsang thuo le temo ee tlhakantsweng (integrated farming) le thuo ya diphologolo mo setsheng sa masimo.

Rev Tselaesele o ne a tlhalosa fa gape molao wa Tribal Land Act (N0 1 of 2008) o ne wa sekasekwa le go fetolwa mme o tlama gore ditsha tsotlhe di kwadisiwe, tokafatso dituelo tsa ba ba abelang makgotla a kabo ditsha lefatshe go ba thusa go abela ba ba tlhokang lefatshe le go fetisetsa setsha mo go yo mongwe go sena ditlhabololo jaaka pele.

O boletse fa diphetogo le maiteko aa leng teng mo makgotleng a kabo ditsha e le go thusa setshaba ka ditlhabololo tsa segompieno tsa maranyane ka tsotlhe tse di tlhokafalang mo kabong ya lefatshe go leka go tlhogofatsa le go fefosa ditirelo.

Fa a tlhalosa ka setlankana se sesha sa mogolwane go tswa mo lekgotleng la kabo ditsha mo Kgalagadi Rre Godfrey Ntuluki o boletse fa se na le boleng jo bo kwa godimo ka jalo se se motlhofo go dirisiwa mo go tsa borukutlhi jaaka se se neng se dirisiwa pele.  

Rre Ntuluki o boletse fa sentlankana sa ntlha se ne se neela mong wa setsha lebaka la dingwaga tse tlhano gore a se tlhabolole mme a supagore  morago ga ikwadiso ya setlankana se sesha mme se sa tlhabololwa beng ba ditsha ba neelwa dingwaga tse tlhano gape.

Mo moletlong oo banni ba le boferabongwe ba ne ba amogela ditlanakana tsa bone tse ditsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Moletlo wa dijo

Date : 13 Dec 2022