Breaking News

Mapodisi a tshwara dikgaisano kwa Letlhakeng

12 Dec 2022

 Banni ba Letlhakeng ba gakolotswe go tsibogela ditiro tse di tshwarwang go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana bogolo jang ka motse  o aparetswe ke dikgang tsa kgokgontsho.

Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng o buile se jaaka ba sepodisi sa Botswana kwa motseng oo ba ne ba tshwere dikgaisano tsa kgwele ya dinao ka mafelo a beke, tse maikaeleleo a tsone e neng e le go ngoka borre go tla go tsaya molaetsa ka ntwa kgatlhanong le kgokgontsho  ya bomme le bana ba basetsana.

Kgosi Puleng a re ntswa bomme bangwe ba kgokgontsha borre ka dipuo, dipalo di supa fa borre ba kgokgontsha bomme le bana ba basetsana thata.  

Kgosi o ne a supa fa a ne a solofetse gore bomme ba bo ba tletse kwa kgaisanong eo ka jaana e le bone ba tswa setlhabelo gantsi.

 O kopile borre go reetsa molaetsa o ba neng ba o tsiseditswe, gore ba seka ba nna bakgokgontshi isago.

Kgosi Puleng o ne a kopa borre go ithuta go laola maikutlo ka gore go tenega go ka dira gore ba tseye ditshwetso tse di sa siamang.

Mogolwane wa sepodisi kwa Letlhakeng Superintendent Amos Kekgathetse o ne a supa fa kgokgontsho e bakiwa ke dikgang tsa madi, lefufa le go tlhoka go itshepa.

O tlhalositse fa setlhogo sa monongwaga se se reng Tshwaragano go Fedisa Kgokgontsho Kgatlhanong le Bomme le Bana ba Basetsana, se le maleba.

Fa a fa mafoko a kgothatso mogolwane wa mapodisi a Thamaga Superintendent Moses Kwarare o ne a rotloetsa banni go tswelela ba lwantsha kgokgontsho morago ga malatsi a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgonthsho ya bomme le bana ba basetsana a fela. 

Supt Kwarare o tlhalositse fa kgokgontsho e le mefuta jaaka go sa ise ngwana wa mosetsana sekoleng le gone go tima bomme madi.

O tlhalositse fa motho wa mme e le thari ya setshaba, a tshwanetse go neelwa se se mo tshwanetseng.

Supt Kwarare o kopile banyalani le bakapelo go buisana fa yo mongwe a sa dire sengwe sentle kana go na le dipharologano.

Sub Inspector Onkemetse Kwelagobe go tswa kwa lekalaneng le lesha la bong le tshireletso ya bana kwa Lobatse, o ne a tlhalosa fa lephata leo le diretswe go tlhotlhomisa dikgang tsa kgokgontsho le go sireletsa bana.

Sub Inspector Kwelagobe o ne a tlhalosa fa borre ba kgokgontshiwa mme ba na le bothata jwa go ikuela, a bo a tlhalosa  fa go ikuela go ka dirwa kwa makalaneng a a farologanyeng jaaka kwa kerekeng, kwa mapodising fa bana ba sekolo ba ka ikuela kwa barutabaneng.

O tlhalositse fa ba godile ba itse gore rre ke tlhogo ya lelwapa, mme gompieno borre ba kgona go kgaoganya tlhogo le mmele, selo se a reng ga se a siama.

Sub Inspector Kwelagobe o kopile banni ba Letlhakeng go fedisa dikgang tsa kgokgontsho a supa fa seo se ka  kgonagala.

A re kwa motseng wa Ntlhantlhe ngwaga e kgona go fela go sena kgang e epe ya petelelo, selo se se lebosegang.

Fa a tswa la gagwe Mme Neddy Machona go tswa kwa ofising ya Bong kwa Letlhakeng, o ne a supa fa dikgang tsa kgokgontsho di le dintsi, a bo a kopa borre go kopa thuso fa ba lemoga  fa  ba fekeediwa ke go tenega.

O kopile borre go nna le seabe go lwantsha kgokgontsho, a bo a kopa bomme go se rotloetse borre go ba kgokgontsha ka dipuo tsa bone.

Mma Machona o tlhalositse fa dikgang tsa kgokgontsho di ne tsa golela pele ka nako ya COVID-19, mme tsa gakadiwa thata ke seemo sa letlhoko la madi le ditlhatlhwa tse di kwa godimo.

Kgaisano eo ya malatsi a le mabedi, e ne e rotloediwa ka sejana se se fapaanelwang ke morulaganyi wa Shutdown Music Festival Rre Dion Joseph.

Ditlhopha tse di neng di gaisanela sejana seo ke tsa Black Eagles go tswa Ditshegwane, Real Stars go tswa  Maboane, Shageng Young Galaxy, Mokwele Young Stars, Umlilo  Juniors le Sporting Blazzers go tswa kwa Letlhakeng, Lekgamu Football Club go kwa Mantshwabisi le Motokwe Rolling Stones ya kwa Motokwe.

Mokwele Young Stars go tswa kwa Letlhakeng e ne ya nna bone bafenyi ba kgaisano eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : dikgaisano tsa kgwele ya dinao

Date : 12 Dec 2022