Breaking News

Dipalo di supa katlego mo go lwantsheng HIVAIDS

12 Dec 2022

Batho ba le 489, mo go ba 17 799, ba ba tlhatlhobetsweng mogare wa HIV mo kgaolong ya Palapye, fa gare ga Moranang 2021 le Mopitlwe 2022, ba fitlhetswe ka mogare.

Se se builwe ke modulasetilo wa kgaolo potlana ya Palapye, Rre Jordan Makhura, kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshe la AIDS, kwa Lesenepole bosheng.

Rre Makhura a re dipalo tse di supa katlego mo maitekong a go lwantsha le go laola mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS.

O ne a rotloetsa morafe go itlhatlhobela HIV, gore motho a itse seemo sa gagwe, ka fa a sa se itse o ka tshela ka letshogo fa ba ba itlhatlhobileng ba tshela ka tshosologo.

O bile a rotloetsa borre go tsaya kgato ya go itse seemo sa bone sa mogare wa HIV.

Rre Makhura a re go mo maruding a setshaba go ikgapha le go tsaya kgato go fedisa segajaja se ka puso e ntshitse ditlamelo go lwantsha le go thibela mogare.

Mooki yo mogolwane wa kgaolo ya Maunatlala, Mme Pelotshweu Mogolwane a re moono wa letsatsi ke go tsosolosa maitlamo a puso mabapi le twantsho le thibelo mogare wa HIV and AIDS.

Mme Mogolwane o rotloeditse batho gore ba seka ba anamisa mogare, gape ba ikamogele fa ba tshwerwe ka mogare, gammogo le go amogela ba ba tshelang ka one.

O bile a ba gakolola gore buisane ka dikgang tsa botsogo kwa malwapeng.

Mme Mogolwane a re ga ba eletse go bona batho ba tsenwa ke mogare, a tlhalosa gore gona le batho ba ba tswang kgakala ba sena mogare, ba dingwaga tse di masome a mane le go feta, mme jaanong ba fitlhelwa ka one.

Fa a itebaganya le motse wa Lesenepole, a re banni ba le 330 ba motse oo ba tsaya dipilisi tse di ritibatsang mogare (ARV).

O rotloeditse bomme ba ba itsholofetseng go itlhatlhobela mogare le borre ba bone.

Mme Mogolwane o tlhalositse fa gole gantsi borre ba sa eme bomme nokeng mo go tsa botsogo.

Mogolwane wa lephata la bong mo Palapye, Mme Malebogo Abesai a re kgokgontsho ena le seabe mo go kekeleng ga mogare wa HIV, ka jaana bomme le bana ba basetsana ba kgokgontshiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Mme Abesai a re bangwe ba batho ba ba tshelang ka mogare ba tshaba go bua, ka ba tshaba kgethololo le kgokgontsho, a tlatsa ka gore maikalelo a puso ke go fedisa kgokgontsho ya bong. A re  seo se batla tshwaragano ya botlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LESENEPOLE

Event : segopotso sa letsatsi la mafatshe la AIDS

Date : 12 Dec 2022