Breaking News

IPHC e agela Moruakgomo ntlo

12 Dec 2022

Ka bonno ele nngwe ya dilo tse di botlhokwa mo botshelong ja motho, go a kgothatsa go bona kereke e, e dira ka natla go netefatsa gore e agela bao ba ba senang bonno, go ba baya mo seemong se se eletsegang.

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o buile se, ka Labotlhano, jaaka fa lekalana la kereke ya Kereke ya International Pentecost Holiness (IPHC) Jerusalem kwa South Africa, le ne le abela Mme Clementia Moruakgomo, wa kgotlana ya Dilaene 2 kwa Mahalapye, ntlo ya dikamore tse nne e lopileng madi a fetang P150 000.

Rre Autlwetse o ne a tlhalosa kereke ya IPHC e tsamaisana le puso, segolo bogolo jang lephata la gagwe ka sekao se se reng ‘Batho Pele’.

O ne a supa boitumelo gore kereke ya IPHC ka sekao sa yone, se se reng: E re o ntima, o mphele ngwana, e na le lenaneo la go nyeletsa le go fokotsa lehuma mo setshabeng sa Botswana.

A re ponelopele e, o e tshwantshanya le thulaganyo ya lefatshe la Botswana e mo nakong ya gompieno e leng yone konokono kana boremelelo jwa puso, ya Reset Agenda, go leka gore batho ba fetole mekgwa ya ka fa ba akanyang ka teng le ka fa ba dirang dilo ka teng le go lemoga gore puso e le nosi ga e kake ya kgona go dira sengwe le sengwe.

Se IPHC e se diretseng Mme Moruakgomo, tona a re ke thuto le mo Batswaneng gore tshwaragano ke selo se se botlhokwa, ka gape e le sone se se mo letshegong la bobedi la Tebelopele ya Lefatshe ya 2036 la tlhabololo ya motho le tikologo ya gagwe.

Tona Autlwetse o rotloeditse Mme Moruakgomo, yo a nang le bana ba le bararo, go tswelela a itshegeditse ka Modimo, ka a mo segofaditse ka bonno.

Mo godimo ga moo, Rre Autlwetse o rotloeditse baruti le maloko a dikereke tse dingwe go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke kereke ya IPHC ka go segofatsa bangwe ka bone.

Fa a tlhalosa ka lenaneo la Tau Project, la IPHC, mongwe wa baruti ba ba kereke eo, Moruti Japhta Baloi o supile fa maitlamo a lenaneo le, e le go tokafatsa matshelo a bao ba ba tlhokileng lesego ka di tsela tse di farologaneng, jaaka go ba agela matlo, go ba rekela didirisiwa tsa mo ntlong le dijo.

Moruti Baloi a re ntlo ya ga mme Moruakgomo, e agilwe ke IPHC, ka setlhopha sa lenaneo la Tau Project, a tlatsa fa e le ntlo ya bo masome a mararo kereke ya bone e ntse e agela ba ba tlhokileng lesego  lefatshe ka bophara.

O ne a tlhalosa fa tiro e, ya go aga, ba sa e dire ka go leka go ngoka maloko, mme ba e dira ka lorato ele phuthego ya Modimo, gore Mme Moruakgomo le bana ba gagwe ba bararo ba nne le fa ba ka nnang teng.

Kereke e, e ne gape ya aba mephuthelwana ya dijo e le lekgolo gore e abelwe bao ba ba tlhokileng lesego, gammogo le Mme Moruakgomo.

Fa a amogela ntlo ya gagwe, Mme Moruakgomo o lebogetse  lorato le IPHC e le mo fileng, a bo a supa boitumelo gore Modimo o bone go tshwanela go mo fa seriti le go araba selelo sa gagwe ka dikgwetlho tse a di raletseng mo botshelong le bana ba gagwe.

Mo malebong a gagwe, mokhanselara wa Dilaene 2, Rre Khumo Motonto o supile fa puso e lemoga le go amogela ditumelo tsotlhe ka go farologana ka go di tsaya ka go lekana, a re seo ke sone se rotloetsang kagiso, thokgamo le ledula mo Botswana.   

Rre Motonto o lebogile IPHC go bo e nnile sekao, a bo a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go atlegeng ga kago ya ntlo ya ga Mme Moruakgomo.

Moletlo o, o ne o tsenwe ke Kgosi ya Mahalapye, Kgosi Duncan Segotsi, modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi, molaodi wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Edson Malebane, mokwaledi wa khansele-potlana ya Mahalapye, Mme Gomolemo Moepeng le mookamela mapodise a No. 16 District, Senior Supt Reuben Mphoeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo mpho

Date : 12 Dec 2022