Breaking News

Banni ba Pitsane ba kopilwe go wela maikutlo

11 Dec 2022

Banni ba motse wa Pitsane ba kopilwe go kokobela maikutlo mo letsholong la go batla mongwe ka bone yoo nyeletseng kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le borobabobedi.

Fa a bua le morafe mo phuthegong ee neng e biditswe ke ba bogosi, sepodise le molaodi, kwa Pitsane ka Labone Kgosi Lotlaamoreng wa bobedi o supile fa gole mo maruding a mongwe le mongwe gore a netefatse gore rre yoo nyeletseng Thabiso Methole yo o dingwaga tse masome a mararo le borataro o a batliwa go fitlhelela a bonwa.

A re go botlhokwa gore mo patlong eo, go salwe molao morago gore e seka ya tloga yare kamoso bangwe ba bo ba le mo mathateng.

“Ke kopa gore ere re ntse re batla ngwana wa rona jaana re seka ra supa ope ka monwana ka seo seka tloga sa tsosa dikgoberego”.

Ene e rile gole pele Rre Tlamelo Makaka wa lesika la monna yoo nyeletseng a nongoregela thuso ya mapodisi mo go batleng ngwana wa bone.

O supile fa ngongora ya bone e dirwa ke gore mapodisi a sale a tsamaya le ba losika fela malatsi a ntlha mme ya re morago ba phatlhalala.

Rre Makaka a re sese ngomolang pelo ke gore ere le ntswa ba ipeile motlhala mo sepodising, ga gona ope yoo ba baang mo dinakong gore ditlhotlhomiso di tsamaya jang.

A re tsholofelo ya bone ene ele gore mapodisi le ba bogosi ba ka bo ba tshwaragane le bone thata.

O ikuetse mo botsamaising jwa kgaolo a kopa gore ba losika le ditsala ba emiwe nokeng ka sepe fela se seka kgonwang gore ngwana wa bone a kgone go boela lwapeng.

Deputy Divisional commander Israel Tuelo wa sepodisi sa Botswana are dikgang tsa mofuta o di nna motlhofo go rarabologa fa gona le mongwe yo o kaba lomang tsebe gore ba batlele kae.

O supile fa ba santse ba le mo letsholong la go batla rre  yoo timetseng yoo mme morafe o tshwanetse go itse fa go na le thulaganyo e mapodisi a e dirisang fa ba tlhotlhomisa.

O kopile morafe gore ba nne pelotelele a tlatsa ka gore fa go na le mongwe yoo itseng sengwe o ka bua le ene mme ba tlaa netefatsa gore ba sala motlhala oo morago.

Phuthego eo ene ya wela ka gore morafe le mapodisi ba tlhame ditlhopha tse di tlaa phatlhalalang le kgaolo ba senka rre yoo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : PITSANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 11 Dec 2022