Breaking News

Bomme ba rotloediwa go kwadisa boimana ka nako

11 Dec 2022

Bomme ba rotloeditswe go kwadisa boimana go santse go na le nako gore ba neelwe ditlamelo tsa botsogo sentle ele go thusa go fema go belega masea pele ga nako.

Se se builwe ke mogolwane wa Diponeng Hotel Mme Gotweng Gabotlale kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshefatshe la go tsibosa setshaba ka bana ba ba tshotsweng pele ga nako kwa Mahalapye bosheng.

Mme Gabotlale o tlhalositse fa dikgwetlho tsa botsogo tse di lebaganyeng bana ba ba belegweng pele ga nako di le dintsi, mme go ba kgaoganya le batsadi ba bone go ama thata botsogo ja bone le kgolo ya bone.

O gateletse botlhokwa jwa gore batsadi le bana ba emelwe ka dinao gore ba seka ba kgaoganngwa.

A re mo mabakeng a mantsi dipatela dingwe di kgona go kgaoganya bana ba le batsadi ba bone. A re diplatlisiso di supile fa bana ba ba tsholwang pele ga nako ba tshabelelwa thata ke go tlhoka go tsoga ka iphemelo ya mmele wa bone e ise e gole, mme ka jalo ba tlhoka motsadi wa bone go nna le bone nako e ntsi, mme go ba kgaoganya go ba koafatsa le go feta mo go felelang go ama le kgolo ya bone le tlhaloganyo ya motsadi wa ngwana.

A re dipalo di supa fa pelegi ya pele ga nako e di goga kwa tlhogong mo dintshong tsa masea a a ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano mo sepateleng sa Mahalapye.

“Bana ba ba ka tswa ba le bannye mme ba nonofile, e bile ba lwela botshelo ja bone ka gotlhe, ke sone se e leng bagaka e bile batho ba tshwanetse ba itse ka bone,”a tlhalosa.

A re mo baneng ba ba tshelang, ‘ditlamorago tsa go tsholwa pele ga nako di felela di ketefalela ba malapa a bone le ba botsogo’.

Mme Gabotlale o supile fa go na le mabaka a mantsi a a  dirang gore go nne le pelegi ya pele ga nako. Mangwe a mabaka a ke; malwetsi a mme a tshelang ka one jaaka sukiri, madi a matona, dingwaga tsa ga mme ga di fetile masome a mararo le botlhano, bomme ba ba tsholang pele ga dingwaga tse lesome le borobabobedi, go dirisa nnotagi, mogare ka fa bosading le a mangwe .

“Bomme ba tshwanetse go itlhokomela ka go ipaakanyetsa boimana pele ga ba ima. Fa mme a imile, a ikwadisetse boimana fa a tlolwa ke dikgwedi tse pedi, mme a bo a tsamaya kokelo ya boimana go fitlha a belega, gore fa go na le bothata bolemogiwe ka nako go hema pelegi ya pele ga nako.”  “Lesea le ka thusiwa gore le gole sentle le ise le belegwe mme se se thuse go hema go lwala ga ngwana,” a tlatsa.

Mme Gabotlale o boletse fa lephata la botsogo le dira bojotlhe go  tsibosa le go ruta ka dikgang tse di amang botsogo. O gakolotse setshaba go rotloetsa ba malapa a bone go ikatumetsa ba botsogo gore ba kgone go hema diemo tse mmogo.

Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi, mogolwane wa baoki ba ba belegisang Mme Dineo Gasefiwe o tlhalositse fa ba batla go lemotsha setshaba ka dikgwetlho tsa go tsholwa pele ga nako, go tlhalosa bodiphatsa le ditlamorago tse di lebaganeng bana ba ba tsholwang pele ga nako ga mmogo le ba malapa a bone.

Mme Aobakwe Siamisang yo e leng ngaka ya bana mo sepateleng sa Mahalapye o tlhalositse fa bana ba ba tshotsweng pele ga nako ba tsenngwa mo leboteleng ka gore dikarolo tsa bone tsa mmele  di ise di lekane gore ba nne kwa ntle.

A re fa bana ba, ba tshabelelwa ke go sitwa ka gore ga ba kgone go itirela mogote, le go nna le bothata jwa go hema ka jalo ba tsenngwa mo leboteleng gore ba thusiwe go gola go fitlhela ba lekana go ka tswela kwa  ntle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : Mahalapye

Event : Letsatsi la mafatshefatshe

Date : 11 Dec 2022