Pabalesego ya bana boikarabelo jwa botlhe
11 Dec 2022
Pabalesego le tshireletsego ya bana ke boikarabelo jo bo tshwanetseng go tsewa ka tlhwaafalo.
Se, se builwe ke mogolwane wa lekalana la bong le babalesego ya bana mo sepodising sa Botswana, Mme Goitseone Ngono kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke ba sepodisi, ba mokgatlo wa The Givers Botswana ga mmogo le ba Security System go tsibosa setshaba ka botlhokwa jwa go ipabalela, ka mafelo a beke.
O supile fa mapodisi a tsweletse ka go amogela dikgang tse di fatlhang di akaretsa go thubetswa le go dirisiwa ga bana mo go tsa tlhakanelo dikobo, kgokgontsho mo malapeng le tse dingwe.
A re ba lemogile fa dikgang tse di tlhagoga kgapetsakgapetsa fa dikole di tswetswe.
A re seo se supa fa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba tlogelwa mo tlhokomelong e e reketlang, mme seo se dire gore go nne motlhofo gore ba ka kgokgontshiwa.
Mme Ngono a re sepodisi se dira ka gotlhe mme fela maiteko ao a ka tswa tema fa ba-na-le seabe ka go farologana le bone ba ka ema ka dinao.
Go sale foo, Mme Ngono o rotloeditse ipabalelo tseleng, go kgweetsa ka lobelo le le tlhomamisitsweng, go obamela matshwao a tsela, a re seo se ka thusa go fokotsa dikotsi tsa tsela jaaka batho ba tla bo ba tsaya mesepele go ya mafelong a a farologaneng go keteka malatsi a keresemose.
A re lenaneo la ntebele ke go lebele le le lone le tshwanetse go tswewa ka tlhwaafalo, go fokotsa melato ya go thujwa ga matlo, a tlatsa ka botlhokwa jwa gore ba ba tsayang mesepele ba seka ba tlogela go sena ope mo malapeng.
A re gantsi matlo a a tlogetsweng go sena ope ka malatsi a boitaploso ke one a a tshabelelwang ke go thujwa.
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GABORONE
Event : Mogwanto
Date : 11 Dec 2022