Tseo e a ilelwa - Kgosi Kgomokgwana
08 Dec 2022
Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana o supile matshwenyego ka go thubega ga manyalo, segolo bogolo a banana.
A re selo se, se bakwa ke gore basha ba kopa dilo tse ba di bonang mo maranyaneng mme ba felele ba latlha tsamaiso ya segologolo ya ngwao ya Setswana.
Kgosi Kgomokgwana a re manyalo a tshwanetse go sala moragao ngwao e e lolameng ya Setswana gore a itshetlele.
A re manyalo a basha a gompieno, bontsi jwa one ga a tseye nako e ntsi a tshwaragane, a faraferwe ke dikgwetlho le go thubega ka dipalo tse di kwa godimo.
Kgosi Kgomokgwana o ntshitse kgakololo e ka Labobedi mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke ba komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa kgotleng ya Moiyabana, mabapi le thulaganyo ya go tlhabolola sekole se sebotlana sa motse oo mme a bua thata ka go sa tsoga ga manyalo, segolo bogolo a banana.
Kgosi Kgomokgwana a re o rerile le dikgosi tse dingwe tsa Moiyabana go tswa mo dikgotlaneng di le lesome le borataro, go tsosolosa thulaganyo ya manyalo gore basha ba tle ba itse tsamaiso ba bo ba itse gore ngwao ga e latlhwe.
O gakolotse gore lenyalo le tshwanetse go tlotlwa e bile molao wa lenyalo o tshwanetse go obamelwa.
“Rraditsela le mmaditsela e tshwanetse ya nna batho ba ba tseneng mo lenyalong,” kgosi a tlhalosa a bo a supa gore bogogi jwa lenyalo bo tshwanetse go etelelwa pele ke batho ba ba tseneng mo lenyalong ka ba na le kitso ka dithulaganyo le tsamaiso ya lenyalo.
A re lenyalo le tshwanetse go nna le bogadi, a supa fa manyalo a basha a sa felele kgakala ka ba a bo ba sa sala morago tsamaiso ya lenyalo.
Kgosi Kgomokgwana a re banyalani ba tshwanetse go laiwa ba le mmogo gore botlhe ba tseye dikgakolo go tswa mo botsading jotlhe ka gore tao e tiisa manyalo.
Mo go tse dingwe, kgosi o supile fa banni ba Moiyabana ba na le lebaka ba sa ipelele ngwao, selo se e kileng ya bo e le tlwaelo mo motseng.
O supile fa e tlaare ngwaga o o tlang ka mafelo a Phatwe, morafe o ipelele letsatsi la ngwao ka banni ba tlaa bo ba boile kwa letsemeng.
A re go ipelela letsatsi leo, go tlaa somarela go bo go tsosolosa ngwao ya bone.
Kgosi o ne a rotloetsa phuthego go ntsha dikoleke go rotloetsa moletlo oo.
A re go tlaa nna le phuthego ya kgotla kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borataro fa bana ba mo gae ba ise ba boele mmerekong, go tla go konentelela dithulaganyo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bampoloki Kabasia
Location : MOIYABANA
Event : phuthego
Date : 08 Dec 2022