Kgaolo ya Bokone Bophirima e akgola mmabontle
07 Dec 2022
Boeteledipele jwa kgaolo ya Bokone Bophirima bo akgoletse Mme Mercy Khutsafalo go bo a gapile korone ya mmabontle wa RADP monongwaga.
Mohumagatsana Khutsafalo o ne a etetse khansele kwa phuthegong yay one bosheng mme a amogelwa ke makhanselara le badiri ba khansele ka megolokwane le loshalaba lo lo kwa godimo.
Fa a mo ema ka lefoko la kgothatso, Molaodi Thabang Waloka o ne a bolela fa korone e patagane le maikarabelo a Mme Khutsafalo a tshwanetseng go a sikara.
O kgothaditse mohumagatsana gore jaanong o tlaa bo a le mmueledi wa Batswana ka bontsi, bogolo jang b aba kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo jaaka ha mmabontle wa RADP a diretswe go akaretsa le go tsosolosa tshepo mo go bone.
Rre Waloka o bile a kgothatsa makhanselara go ema Khutsafalo nokeng mo maitekong a gagwe, a tlatsa ka go re kgaolo ya Bokone Botlhaba e tshwanetse go dirisa Mme Khutsafalo jaaka moemedi wa yone mo ipapatsong Modulasetilo wa khansele, Rre Kebareeditse Ntsogotho o ne a akgola Mme Khutsafalo, a re o tlotlomaditse kgaolo.
A re Mme Khutsafalo o tlaa bo a bereka thata le makhanselara kwa metseng, a ba kgothatsa go mo amogela gore a atlege mo go diragatseng dikeletso tsa gagwe.
Mr Ntsogotho o bile a kgothatsa Miss RADP go tswelela a tshegeditse maitsholo a gagwe le go dira ka natla mo thomong ya gagwe gore mogang a tlogelang a tlogelele Batswana lotshwao.
O mo gakolotse go tsepama mo go se a se dirang, ka bontsi jwa bo monkannagagwe ba atle ba latlhegelwe ke tsela fa ba filwe monyetla, a tlatsa ka go re bontsi ja banana ba latlhegelwa ke tsela ka ntata ya kgatelelo ya fa ba tshelelang teng, a mo kgothatsa gore a bone a seka a wela ka lemena leo.
Fa a ntsha la gagwe, Mme Khutsafalo o ne a solofetsa go dira ka natla a ikatumeditse banana b aba nnang kgakala le ditlamelo a bo a solofetsa fa a tlaa thusa puso go rera molaetsa wa go kgala matlhoko a a wetseng tshaba le fa nako ya gagwe e sena go wela.
Mokhanselara wa Boro-Senonori, Rre Kenson Kgaga e ne o ne a bolela fa kgaolo ya Bokone Bophirima e segofetse go bo e na le mmabontle yo mongwe ka jaana Mma Botswana Lesego Chombo le ene a tswa koo.
O tlhalositse fa korone ya Miss RADP e na le tlhotlheletso e ntsi, bogolo jang mo bathing a e ba emetseng, Ka jalo Mme Khutsafalo o tshwanetse go dirisa lentswe la gagwe go tlhaeletsa le go goroga kwa bathing bao.
Rre Kgaga o ne a gakolola mma bontle yoo go tlhagisa setshaba ka bodiphatsa jwa ditagi le go leka go sokolola banana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MAUN
Event : PHUTHEGO
Date : 07 Dec 2022