Breaking News

Go amogela seemo sa mogare go bothokwa

07 Dec 2022

Go itlhatlhoba, go itse seemo le go amogela maduo a seemo sa HIV/AIDS ke konokono ka go ka thusa motho go itse gore o tshela jang ka mogare o.

Go amogela seemo sa ba ba amilweng ke mogare le gone go botlhokwa ka go ka kgothatsa yo o amilweng go ikamogela le go ipetlela tsela ya go tshela le one.  

Se se builwe ke Mme Dineo Themba fa go ne go ipelelwa letsatsi la go gopola ba ba latlhegetsweng ke botshelo mabapi le segajaja sa bolwetse jwa AIDS kwa Majwanaadipitse ka Labobedi.

Mme Themba, yo gape a tshelang ka mogare wa HIV/AIDS e bile e le mokgothatsi go tswa mokgatlhong wa Matlhogonolo Charitable Society o o itebagantseng le go thusa ba ba nang le mogare fa a kgothatsa morafe o o neng o thologetse letsatsi leo kwa kgotleng go itlhatlhoba gangwe le gape ka e le yone tsela fela ya go ka itse seemo sa bone.

E rile a bolelela setshaba ka leeto la gagwe la go tshela ka mogare, a re o lemogile ka 2003 fa a na le mogare mme ga nna boima mo go ene go ikamogela.

O tlhalositse fa a ne a tsenwa ke tsebetsebe, a ipotsa dipotso tsa gore o ya go lebisa mokapelo wa gagwe maduo jang ka a ne a le mo mmeleng ka nako eo.

A re morago ga nako, a ikitaya sehuba a tsaya tshwetso go lekodisa mokapelo wa gagwe ka seemo sa gagwe mme a mo amogela a bo a mo thomamisetsa go nyala.

Mo kgothatsong eo, a re mogare wa HIV o borai fa motho a ka o itlhokomolosa mme a kopa batho go nna ba itshireleditse mo tlhakanelong dikobo.

Mme Themba o kopile gape gore bakapelo ba nne le mowa wa go amogela maduo a batho ba ba tshelang le bone ka se se ka thusa gape mo bathong go ikamogela le go tshela ka mogare.

O tsweletse gape a kopa setshaba go amogela botlhe ba ba nang le mogare le gore ba seka ba kgethololwa ka epe tsela. 

O kopile botlhe ba ba tsayang dipilisi tse di ritibatsang mogare go thomamisa fa ba di nwa ka nako e e tshwanetseng le gore ba emise nnotagi ka e ka ba itsa dipilisi go bereka sentle.

Mme Themba o ne a iteela baoki ba Majwanaadipitse legofi ka tiro e ba e dirang ka ba supile fa kanamo ya mogare e ile kwa tlase mo motseng oo. 

A re go botlhokwa gore bagolo ba bue le bana ka dikgang tse di amang mogare o, ka e ka nna tsela nngwe e e ka fokotsang kanamo ya mogare mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Atang Mosinyi

Location : MAJWANAADIPITSE

Event : Ipelelo malatsi a botsogo

Date : 07 Dec 2022