Breaking News

Kago ya sekole sa Letlhakane e a simolla

07 Dec 2022

Tiro ya go aga sekole se sebotlana kwa Letlhakane e tlaa simolola kgwedi e e tlang. Moitseanape wa dikago wa khansele ya Legare Rre Letelang Tau o boletse jalo ka Mosupologo, letsatsi le konteraka e neng e neelwa setsha semmuso.

Rre Tau o boletse fa kago e, e e tlaa lopang P51 million, e tlaa tsaya dibeke tse di masome a a robang bongwe le botlhano go wela. Tiro eo, e e filweng kompone ya Ramodisa Projects, ke kago ya matlhatlaganyane a mabedi mme e nan le matlwana a borutelo a le masome mabedi le bone. Mokhanselara wa kgaolwana ya Letlhakane Bophirima, Mme Ngongorego Motswaiso o ne a kop among wa konteraka go dirisana sentle le bogogi jwa motse gore tiro e tle e atlege.

Mme Motswaiso o bile a kgothatsa mong wa konteraka go abela morafe a bo a ba kopa go kata ditsela tse di fa gare ga motse ka makwete a ba tlaa bong ba a ntsha mo kagong ya bone. 

Mokhanselara Aaron Baitsemang wa Letlhakane Borwa ene o ne a akgolela puso go bo e tsibogetse selelo sa batho ba Letlhakane.

Rre Baitsemang o ne a solofetsa mong wa konteraka kemonokeng ya boeteledipele jwa Letlhakane. O bile a kopa kompone e e aging sekole go ema dikgwebo tsa mo gae jaaka tse di rekisang di-tsa kago nokeng ka e bile bogogi bo eletsa go bona itsholelo ya batho ba motse oo e phophoma.

Rre Baitsemang o kgadile mokgwa wa dikhamphani dingwe wa go itlhokomolosa matshelo a morafe fa ba tsile go dira tiro nngwe mo metseng. 

Fa a ntsha la gagwe, rakonteraka, Rre Fredrick Ramodisa o ne a solofetsa bogogi jwa motse fa khamphani ya gagwe e ikaelela go bereka sentle le jone gore tiro e tle e wele ka nako e bile e jele madi a e a beetsweng fela. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : LETLHAKANE

Event : Kago ya sekolo

Date : 07 Dec 2022