Motswaledi o ne a rata thuto
06 Dec 2022
Dibui kwa phitlhong ya ga Rre Thatayaone Motswaledi kwa Serowe bosheng di mo kaile e le motho yo o neng a rata tswelelopele.
Rre Motswaledi o tlhokafetse a le dingwaga di le masome a ferabongwe le bone, Ngwanaatsele e tlhola malatsi a le lesome le boferabobedi, a sena go nna le makoa a a farologananeng.
Dibui ka go farologana di supile, Rre Motswaledi a ne a le pelotelele, a le setswerere, a rata bophepa ga mmogo le Modimo, a le dinyao, e bile a rata go gakolola ba a tshelang le bone.
Kgaitsadie, Mme Yvonne Willie, o ne a supa fa Rre Motswaledi, yo a neng a le rraagwe moswi Gomolemo Motswaledi, lebutswapele la sepolotiki, e ne e le rraabone fa batsadi ba bone ba sena go tlhokafala.
A re Rre Motswaledi o ne a rata thuto thata, e bile a eletsa go ba bona ba rutegile. Ngwana wa ga Rre Motswaledi, Gape, o ne a supa fa rraagwe e ne e le mosiami, a itumedisa batho, e bile e ne e le motho yo o neng a batla batho ba itseela ditshwetso.
A re se se itumedisang ka rraagwe ke gore o ne a rata dilo tse di tlhamaletseng, a rata go ama batho ka lefoko go bo go nna le pharologanyo.
A re Rre Motswaledi o ne a rata go tlhotlheletsa batho, mme a dumela gore fa a leng teng go tshwanetse go nne le phetogo e e tlaa siamelang batho botlhe.
Modiri ka ene wa pele, Rre Samuel Moribane a re o dirile thata le Rre Motswaledi.
A re ntswa e ne e le dinako tse di thata Rre Motswaledi o ne a dira ka natla a rata tiro ya borutabana.
Rre Motswaledi o simolotse tiro ka 1963, kwa Tsienyane a ruta kwa dikoleng tse dipotlana.
E ne ya re ka 1965, a fudusediwa kwa sekoleng sa Masokola, mme ka 1968 a nna mogokgo kwa sekoleng sa Tamocha, gape a tsweletse ka go ruta dithuto tsa Setswana kwa Mahalapye Continuation Night School (Mahalapye Secondary School),
A boa gape a nna boarding master kwa Mater Spei, Francistown Teachers Training College.
Ka 1979 o ne a nna motlhatlhobi wa dikole tse dipotlana kwa Mahalapye.
E rile ka 1981, a romelwa kwa Edinburg kwa Scotland dingwaga tse pedi go dira school management and administration. Ya re ka 1983, a tlhatlosiwa maemo go nna regional education officer kwa Kanye mme ka 1986 a isiwa kwa Francistown, kwa a diretseng teng go fitlhelela a tlogela tiro ka 1998.
Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, mopalamente wa Francistown Borwa, Rre Wynter Mmolotsi le moeteledipele wa Alliance for Progressives, Rre Ndaba Gaolatlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Raitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phitlho
Date : 06 Dec 2022