Moruti o thata ka phuthego
05 Dec 2022
Maloko a kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) ya Masunga a gwetlhilwe go ema nokeng le go rotloetsa moruti go mo tiisa moko gore a tswelele a diragatsa thomo ya gagwe ka botswapelo.
“Moruti o mo maemong a a leng mo go one ka thato ya Modimo e seng ka go rata ga gagwe, ka jalo phuthego e tshwanelwa ke go mo leboga le go mo tlotla ka dinako tsotlhe, e se ka go bo a dirile tiro nngwe e ntle mme e le go lemoga ketelelopele ya gagwe.”
Ratoropo wa Francistown, Rre Godisang Radisigo o gakolotse maloko a kereke eo bosheng jaaka e ne e tshwere tirelo ya go leboga Reverend Koketso Kareng.
Tirelo eo ya go leboga moruti, e e tshegediwang ngwaga le ngwaga e lejwa e le tsela nngwe e ka yone phuthego e lebogang Modimo, go bo a ba tataisitse le moruti wa bone go tswa kwa tshimologong ya ngwaga go fitlha jaana.
Rre Radisigo a re moruti o ka kgona boeteledipele jwa gagwe, fela fa phuthego e tshwaraganye le ene le go mo rapedisa gore Modimo a mo fe botlhale le nonofo, ka jaana fa go nna thata ba solofela go le gontsi mo go ene, go akarediwa ditlhagiso tsotlhe tsa botshelo, kagisano le maele a mangwe a botshelo.
Rre Radisigo o ne a kopa balatedi ba UCCSA go beela kwa tlhoko tse di ka ba kgaoganyang mme ba kgaratlhele tse di ka kgontshang moruti wa bone go ba goga ka mowa o le mongwe.
A re seo se dira gore ba nne sekao mo dikerekeng tse dingwe tsa lefatshe leno.
Rratoropo a re go a tshwenya gore go le gantsi fa go na le sengwe se se sa tsamaeng sentle mo dikerekeng, go nna go supiwa baruti ka menwana, selo se a boletseng se ka kgoba moruti marapo.
A re maloko a kereke a tshwanetse gape go tlhaloganya gore batho ba ikanya go ba rolela matshwenyego le mathata a botshelo, ka tshepo ya gore ba ka ba thusa go a rarabolola kgotsa go tsisa pharologanyo nngwe mo matshelong a bone.
A re ka jalo jaaka Bakeresete ba seka ba tsaya selo seo lolea.
Fa a lebisa mafoko kwa go Rev. Kareng, Rre Radisigo o ne a mo gakolola gore a seka a ipona tsapa mo go tsweleleng a direla le go tsepama mo tseleng ya Modimo.
A re a ikanye thapelo ka dinako tsotlhe.
A re Modimo e nne ene segakolodi sa gagwe ka metlha yotlhe, a supa fa mo dinakong dingwe a tlaa supiwa ka menwana le go bonwa diphoso mme seo se seka sa mo kgoba marapo ka gope.
Rre Radisigo o mo gakolotse go nna boineelo, boikobo le pelotelele, a tlhaloganye fa Modimo a mo tshepile gore o tlaa etelela pele phuthego eo.
O bile a supa fa go itumedisa go bona mapolotiki a lalediwa mo ditirelong tsa dikereke.
A re go ba fa sebaka sa go ikgakologelwa, gore ba gakologelwe motlhodi wa bone.
Rre Radisigo o ne a wetsa ka go tsibosa phuthego eo ka kgokgontsho ya bong.
A re go ngomola pelo gore e re lefatshe leno le le mo malatsing a go lwantsha kgokgontsho, masula a bo a tsweletse ka go diragala.
Ka jalo o ne a kopa phuthego eo ya UCCSA gore e tiise dithapelo go kgalema mewa e e bosula eo.
Mo go la gagwe, Rev. Kareng o ne a supa matshwenyego mabapi le go kekela ga kgokgontsho mo lefatsheng leno, a supa fa le bone mo kerekeng ya bone ba sa ithela moriti o tsididi mme ba tlaa tlhatlhanya ka yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : tirelo ya go leboga
Date : 05 Dec 2022