Mafaratlhatlha a kgokelo ya metsi a ya motsubong
05 Dec 2022
Mafaratlhatlha a kgokelo ya metsi a go solofetsweng gore go weleng ga one a bo a ka timola lenyora kwa Mmadinare, Damochujenaa, Serule, Gojwane, Moreomabele le Topisi mo lenyoreng, a solofetswe go wela Hirikgong a ya fifing ngwaga o o tlang.
Mafaratlhatlha a kgokelo ya metsi a Selebi Phikwe-Serule Water transfer Project a simolodisitswe semmuso ka 2017, morago ga gore lefatshe leno le thusiwe ka madi ke World Bank.
Mookamedi wa tiro e go tswa Water Utilities Coorperation (WUC), Rre Tapologo Phalaagae o tlhalositse se, fa a lekodisa dikgosi, makhanselara le badulasetilo ba dikomiti tsa metse e e amegang kwa Mmadinare ka Labotlhano.
A re se, se gwetlhilwe ke tlhaelo ya metsi e e gogileng lobaka kwa metseng eo, a supa fa Mmadinare a ne a nwa metsi go tswa kwa letamong la Letsibogo mme a jaanong a neng a sa tlhole a lekana motse otlhe.
A re kwa Damuchojenaa banni ba ne ba sielwa metsi a didiba tsa Molodi mme a ne a sa siamela botsogo jwa setshaba ka a ne a le letswai.
Rre Phalaagae o tlhalositse fa tiro e setse e le mo selekanyong sa 85 per cent mme dithulaganyo le ditumalano e ne e le gore e re ngwaga ono o ya fifing, a bo e wetse mme ka mabaka mangwe ba ne ba patelesega go oketsa nako ka kgwedi ka jalo, tiro e solofetswe go wela ngwaga o tlang ka Hirikgong.
A re mabaka mangwe a a dirileng gore tiro e bo e saletse kwa morago ke gore mong wa konteraka o ne a tsaya nako e ntsi a batla batho ba dikitso tsa botegeniki, ba ba sa bonweng motlhofo.
Rre Phalaagae a re go tlhagoga ga COVID-19 le gone go ne ga nna le seabe ka bontsi jwa di dirisiwa bo ne bo rekwa kwa ntle ga lefatshe a re se, se ne sa dira gore dilwana di tseye lobaka go goroga.
O supile fa kwa Gojwane ba ne ba nna le kgwetlho ya moepo wa uranium e baitsaanape ba supileng fa e le borai mo matshelong a batho mme se se ne sa dira gore ba emise tiro go batla bogakolodi mo go ba tsa meepo pele ba tswelela le tiro.
Rre Phalaagae o supile fa tse tsotlhe di ne tsa seka tsa dira gore ba salele kwa morago thata a re maikaelelo ke go bulela metsi ka dikgato tse tharo mme Mmadianre e tla nna e ne wa ntlha go nwa, fa tiro e wela ka Hirikgong.
A re se se itumedisang ke gore bana ba metse e e amegang ba bo ba thapilwe mme 75 per cent ya bone e le bomme le ba-na- le-bogole ba le bararo, a re se, se thusitse thata mo go araba selelo sa letlhoko la ditiro.
Mothusa kgosi kwa Mmadinare, Kgosi Hollard Galeage o ne a leboga ba Water Utilities jaaka thulaganyo ya go siela setshaba metsi e setse e le gaufi le go wela.
Kgosi Galegae o supile fa koporase e na le tiro e ntsi e ba tshwanetseng go e tsibogela jaaka go atolosa mealo ya metsi kwa ntlheng e nngwe ya motse gore le bone ba tle ba akole meamuso ya puso. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MMADINARE
Event : Phuthego
Date : 05 Dec 2022