Breaking News

Puso e itlama go tlhabantsha malwetse ka go farologana

05 Dec 2022

Botsogo jwa batho ke sengwe se puso ya lefatshe leno, e se beileng kwa pele go leka go boloka matshelo.

Ka jalo, go mo maruding a setshaba go netefatsa gore se tsaya boikarabelo jwa botsogo jwa sone ka go sola molemo mananeo a botsogo a puso go tlhabantsha malwetse ka go farologana.

Dibui ka go farologana di supile seo kwa letsatsing la segopotso sa bolwetsi jwa HIV/AIDS kwa Sekakangwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi.

Fa ba itebaganya le segajaja sa HIV/AIDS, dibui di gwetlhile setshaba go itlhatlhobela mogare wa bolwetse joo gore ba itse seemo sa bone, selo se ba boletseng se ka thusa gore ba tseye ditshwetso tse di maleba tsa go boloka matshelo a bone nako e santse e le teng.

Setlhogo sa monongwaga se se reng ‘Fedisa go tlhoka tekatekanyo, fedisa kgethololo, fedisa AIDS ka 2030’, se lebane ka se gwetlha batho gore ba seka ba kgetholola ba ba tshelang ka mogare wa HIV, gape se batla gore go nne le tekatekanyo magareng ga rre le mme mo  tsa tlhakanelo dikobo.

Gantsi ka nako ya tlhakanelo dikobo, borre ke bone ba tsayang ditshwetso tsa gore go dirisiwe sekauso kgotsa ga se dirisiwe. 

Seo se baya bomme mo kgatelelong mo ba felelang ba ineela mo tshwetsong nngwe le nngwe e ba e bewang pele.

Ba tlhalosa fa kgethololo e le sengwe se se santseng se tshwenya, ba supa fa e tlhotlheletsa kanamo ya segajaja sa AIDS, ka jaana batho ba tshaba go tswela ko ntle  ka seemo sa bone, mme e bile bangwe ba nwela diritibatsi mo sephiring, ba tshaba go lebiwa ka leitlho le sele le go kgobiwa ka mafoko a lesotlo.

Fa a tswa la gagwe, mogokaganya ditiro tsa lephata la Botsogo le Boitekanelo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Kelebeletse Mokobela, yo neng e le sebui sa tlotla kwa letsatsing leo, o ne a gatelela ka go kgalema kgatlhanong le go kgetholola balwetsi ba HIV/AIDS. A re setshaba se tshwanetse go rotloetsana go itlhatlhoba le go tsaya diritibatsi ka fa tshwanelong, ka go ka thusa gore lefatshe leno le fitlhelele maitlamo a go fedisa AIDS ka 2030.

A re dintlha dingwe tsa konokono tse di ka thusang go fitlhelela maitlamo ao, ke gore batho ba fetole boitshwaro jwa bone mo go tsa tlhakanelo dikobo, go kgaola keetane ya bakapelo, go oketsa tiriso ya sekauso le gore borre ba kgaole matlalo a bonna mmogo le gone go itlhatlhobela mogare gangwe le gape.

Mme Mokobela o ne a rotloetsa batsadi go ruta bana ka bolwetse jwa AIDS, a supa fa go le botlhokwa gore banana ba seka ba itlhaganelela go inaakanya le tsa tlhakanelo dikobo.

A re go ka nna molemo fa setshaba se ka tshwaragana, go lwantsha segajaja se, a re go a nametsa ka puso ya lefatshe leno e tsweletse ka go fitlhelela dingwe lentswa e le fa gare ga naka tsa nare ka diemo tse di thata tsa go thetheekela ga itsholelo, mo go bakilweng ke tlhagogo ya mogare wa Corona mmogo le kgolo ya malwetse mangwe a a sa tshelanweng a le one a gomagometsang matshelo a batho.

Fa a ama dipalo tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mme Mokobela o boletse fa seemo sa bolwetse joo se le mo go 31 per cent, a re palo eo e oketsegile ka jaana ka pego ya 2013 kgaolo e ne e le mo go 17.7 per cent, a tlatsa ka gore seemo sa malwetse a mangwe a dikobo sone se mo go 18.4 per cent, a re seo ke sesupo sa gore tiriso ya sekauso e kwa tlase.

Moemedi wa lekgotla la National AIDS and Health Promotion Agency, e bile a tshela ka mogare wa HIV, Mme Fiona Lekgetho o boletse fa itekanetse, ka jaana a nwa diritibatsi tsa gagwe ka fa tshwanelong, tse a tlhalositseng a na le dingwaga tse di lesome le borataro a di nwa.

Mme Lekgetho a re o ne a tshwarwa ka mogare ka 2007 a le dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi, mme ka 2012 a bona go le maleba go simolola go tswela mo pepeneng ka seemo sa gagwe, a re o itumedisiwa ke go bo ba lelwapa la ga gagwe ba mo eme nokeng.  BOPA

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : SEKAKANGWE

Event : Phuthego

Date : 05 Dec 2022