Tlhaelo ya didirisiwa e ama go isiwa ditlamelo
01 Dec 2022
Maphata a puso ka go farologana a bo a Kanye Administrative Authority erile bosheng a tsena mo letsholong la go isa ditirelo kwa bathong ka go etela motse wa Molapowabojang.
Mothusa molaodi wa Kanye Administrative Authority Rre Norman Patlakwe a re maikaelelo a puso ke go isa ditirelo ko bathong, mme sebe sa phiri ke go tlhaela ga meamuso ya puso.
Rre Patlakwe a re fa gone go kgonega, ba ka bo ba dira se beke le beke, gore sechaba se seka sa latela ditlamelo kgakala Fa a ntsha la gagwe, Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye, Rre Sebati Kabomo o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le gore Batswana ba seka ba dirisa madi a mantsi go latela ditlamelo.
Mo ngongoreng ya morafe, ya gore dikhamphani dingwe tse di fiwang ditiro mo motseng di tswa ko ntle, Rre Kabomo o ne a tlhalosa gore tshwanelo ke gore ditiro tseo di neelwe beng gae.
Mabapi le matshwenyego ka dikoloi tse di pegang bana ba sekolo go tswa mo metseng e e mabapi, tse morafe o supang fa di baa matshelo a bana mo kotsing, o ne a tlhalosa fa di tlhatlhobiwa pele di fiwa tiro.
A tswelela ka go supa fa ba tlaa dira bojotlhe gore di tswelela di le mo seemong se se babalesegileng. Rre Kabomo o ne gape solofetsa morafe gore, ba tlaa tlhopha malatsi mangwe a ditirelo dingwe, jaaka go duelela matlakala, di tlaa tsisiwa mo Molapowabojang, go itsa gore ba tsamaye sekgala go ya go duela ko Kanye. Mo kgannyeng ya matimela, o ne a ba itsise fa khansele e tsere tswetso ya gore a kganelelwe fa a nwang teng, a tle a pegelwe teng, a supa fa maikaelelo e le gore banana ba motse ba thapiwe go dira tiro eo.
Banni ba ne gape ba re ba tsenelelwa ke metsi mo matlong ka jaana a sa direlwa mo a fetang teng sentle, mme Rre Kabomo a ba tlhalosetsa fa maikaelelo e le gore ditsela tse di mo gare ga motse di baakanngwe, di be di direlwe mo metsi a fetang teng le go tsenya dipone tsa mebila.
O ile a kgothatsa VDC go dira ditiro dingwe fa ba kgonang teng, gona le go emela khansele ka meamuso e tlhaela. Kgosi Kedirile Letshabo ene o ne a tlhalosa fa a tshwentswe thata ke matlakala a a tletseng mo motseng.
A supa fa le ntswa gona le lehuti la matlakala le khansele e thapileng bangwe go le tlhokomela, go lebega ba sa dire tiro ka botlalo. O ne gape a re dikompone dingwe di tsaya matlakala ko Lobatse, di a ise ko Molapowaboang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thato Modiakgotla
Location : KANYE
Event : PHUTHEGO
Date : 01 Dec 2022