Breaking News

Bana ba bonwe

01 Dec 2022

Basimanyana ba le babedi ba Seronga ba ba saleng ba timela ka Matlhatso ba bonwe ba itekanetse gompieno.

Mmogolwane wa sepodisi sa Seronga, Superintendent Peter Masole o boleletse BOPA fa bana bao ba bonwe ke mapodisi ba thusiwa ke morafe gaufi le Gunotsoga.

A re bana bao ba isitswe kwa kokelwaneng ya Seronga go bona ba bongaka.

O lebogetse kemo-nokeng ya morafe mo tirong eo ya go batla bana.

E ne ya re go le pele, Supt Masole a tlhalosa fa basimane bao ba ne ba le bane ka palo, fa ba tlaa timela ka Matlhatso.

Go bolelwa fa ba ne ba tshameka ba latedisa ditlhora.

A re basimane ba babedi ba e leng bana ba motho, ba dingwaga tse di lesome le bone le boferabobedi ka lesego ba ne ba kgona go boela gae ka Tshipi, fa ba babedi ba le bone e leng bana ba motho, ba dingwaga tse di ferang bobedi le borataro bone ba ne ba seka ba bonwa mme mapodisi ba bolotsa letsholo la go ba batla.

Supt Masole a re basimane ba ba kgonneng go boa pele ba ne ba supile fa ba kgaogane le ba bangwe mo nageng, ka ba ne ba akantse gore botlhe ka ditlhopha tse pedi ba gaufi le kwa malwapeng a bone.

A re ba ba boileng pele, ba ne ba re bone ba ne ba iphitlhela ba le kwa Eretsha, mme ba kgona go lemoga tsela ba bo ba boela Seronga. ENDS

 

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Interview

Date : 01 Dec 2022